Tswana 1992 Bible - 46 verses
1E rile Isake a tsofetse, matlho a gagwe a le lotobo, a sa bone sentle, a bitsa Esau morwawe yo mogolo a mo raya a re: “Morwaaka!” A re: “Ke fano.”
2A re: “A ko o bone jaana, ke tsofetse, ga ke itse letsatsi la loso lwa me.
3Jaana, ke a go rapela, ka re, tsaya dibolao tsa gago, mokotlopo wa gago le bora jwa gago, o tswele kwa nageng, o ntsomele phologolo.
4O nkapeele dijo tse di monate, jaaka tse ke di ratang, o di lere kwano go nna gore ke je; gore mowa wa me o go segofatse ke ise ke swe.”
5E rile Isake a bua le Esau morwawe, Rebeka a bo a utlwa. Esau a tswela kwa nageng a ya go tsoma phologolo le go e lere.
6Rebeka a bua le Jakobe morwawe a re: “Bona, ke utlwile rraago a bua le Esau mogoloo, a re:
7‘Nteretse phologolo, o nkapeele dijo tse di monate, gore ke je, ke go segofatse fa pele ga Jehofa ke ise ke swe.’
8Mme jaana, ka re, morwaaka, o utlwe lentswe la me ka fa ke tlaa go laolang ka gone.
9Tloga jaana o ye letsomaneng, o ntlele dipotsane di le pedi tse dintle mo dipoding, mme ke tlaa di apela rraago dijo tse di monate, jaaka tse o di ratang.
10O tlaa di isa kwa go rraago gore a je, gore a tle a go segofatse a ise a swe.”
11Jakobe a raya Rebeka mmaagwe a re: “Bona, mogolole Esau ke motho yo o bobowa, nna ke motho yo o borethe.
12E tlaa re gongwe rre a nkapaape mme ke nne mo go ene jaaka motsietsi, ke itlisetse khutso e seng tshegofatso.”
13Mmaagwe a mo raya a re: “Phutso ya gago e nne mo go nna, morwaaka, utlwa lentswe la me le le losi fela, o ye o di ntlisetse.”
14A ya, a di tshwara a di tlisa mo go mmaagwe; mmaagwe a apaya dijo tse di monate, jaaka tse rraagwe a di ratang.
15Rebeka a tsaya diaparo tse dintle tsa ga Esau morwawe yo mogolo, tse a nang natso mo ntlong, a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana.
16Le matlalo a dipotsane a a mo apesa mo mabogong le mo boretheng jwa thamo ya gagwe.
17Dijo tse di monate tseo, le senkgwe se o se baakantseng, a di tsenya mo seatleng sa ga Jakobe morwawe.
18A ya kwa go rraagwe a re: “Rra!” mme a re: “Ke fano, o mang ngwanaka?”
19Jakobe a raya rraagwe a re: “Ke Esau, ngwana wa gago wa ntlha; ke dirile ka fa o ntheileng ka gone. Ke a go rapela, tsoga, o dule, o je phologolo ya me, gore mowa wa gago o ntshegofatse.”
20Isake a raya morwawe a re: “Go tlile jang, gore o bo o e bonye ka bonako jaana morwaaka?” A re: “Ke ka gonne Jehofa Modimo wa gago o nneile letlhogonolo.”
21Isake a raya Jakobe a re: “Ke a go rapela, a ko o atamele morwaaka, gore ke go apaape boo o morwaake Esau tota kgotsa nnyaa.”
22Jakobe a atamela Isake rraagwe; a mo apaapa a re: “Lentswe lone ke lentswe la ga Jakobe, mabogo ke a ga Esau.”
23A se ka a mo lemoga ka mabogo a gagwe a le bobowa jaaka mabogo a ga Esau mogolowe; jalo o mo segofatsa.
24A re: “A o morwaake Esau ka mmaanete?” Ene a re: “Ke nna.”
25A re: “E nkatametse ke je phologolo ya ga morwaake gore mowa wa me o go segofatse.” A e atametsa fa go ene, a ja, a ba a mo tlisetsa bojalwa jwa mofine a nwa.
26Isake rraagwe a mo raya a re: “Atamela jaana morwaaka, o nkatle.”
27A atamela, a mo atla, a dupa lonko lwa diaparo tsa gagwe, a mo segofatsa, a re: “Bona, lonko lwa ga morwaake lo ntse jaaka lwa naga e Jehofa o e segofaditseng.
28A Modimo o go neye monyo wa legodimo, le monono wa lefatshe, le letlotlo la mabele, le bojalwa jwa mofine.
29A ditšhaba di go direle, le merafe e go ikobele, o nne morena wa bana ba ga rraago, a bana ba ga mmaago ba go ikobele, go hutsiwe mongwe le mongwe yo o go hutsang, go nne sego mongwe le mongwe yo o go segofatsang.”
30Ya re Isake a sena go khutla go segofatsa Jakobe, a sa ntse a tswa fela fa pele ga Isake rraagwe, Esau mogolowe a tsena a tswa kwa letsomong.
31Le ene a apaya dijo tse di monate, a di isa kwa go rraagwe; a raya rraagwe a re: “A rre a tsoge a je phologolo ya ga morwawe, gore mowa wa gago o ntshegofatse.”
32Isake rraagwe a mo raya a re: “Wena o mang?” A re: “Ke morwao, ngwana wa ntlha wa gago, Esau.”
33Isake a roroma mo gogolo thata a re: “Fa e le jalo e ne e le mang yo o tshotseng phologolo a e tlisa mo go nna, ke bile ke jele gotlhe pele o ise o tle, mme ke mo segofaditse? Ee, o tlaa segofala.”
34E rile Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe, a gala ka legalo le legolo le le botlhoko, a raya rraagwe a re: “Rra we! Ntshegofatsa, le nna o ntshegofatse.”
35A re: “Monnao o tsile ka boferefere, o go gapetse lesego.”
36A re: “A ga a a rewa leina sentle ga twe Jakobe, ka jaana a ntseetse boemo gabedi; a tsaya botsalo jwa ntlha jwa me; bona, gompieno o nkgapetse lesego la me.” A re: “A ga o a ntshadisetsa tshegofatso nngwe fela?”
37Isake a fetola Esau a mo raya a re: “Bona, ke mo dirile morena wa gago, bana ba ga rraagwe botlhe ke ba mo neile go nna batlhanka; ke mo otlile ka mabele le bojalwa jwa mofine; mme wena morwaaka ke a bo ke ka go direlang?”
38Esau a raya rraagwe a re: “Rra, a o na le tshegofatso e le nngwe fela? Rra we, ntshegofatsa le nna o ntshegofatse.” Esau a tsholetsa lentswe la gagwe a lela.
39Isake a mo fetola a mo raya a re: “Bona, bonno jwa gago bo tlaa katogana le monono wa lefatshe le monyo wa legodimo.
40O tlaa tshela ka tšhaka ya gago, o tlaa direla monnao; go tlaa dirala gore mogang o mo tsogologelang o tlaa tlosa jokwe ya gagwe mo thamong ya gago.”
41Esau a ila Jakobe ka ntlha ya tshegofatso e rraagwe o mo segofaditseng ka yone. Esau a ithaya mo pelong a re: “Malatsi a go lelela rre a gaufi; foo ke tlaa bolaya Jakobe nnake.”
42Mafoko a ga Esau morwawe yo mogolo a bolelelwa Rebeka, a roma a bitsa Jakobe morwawe yo mmotlana, a mo raya, a re: “Bona, mogoloo Esau o ikgomotsa ka ga gago, o ikaeletse go go bolaya.
43Ke gone jaana morwaaka, utlwa lentswe la me, o nanoge o tshabele kwa go Labane, kgaitsadiake kwa Harane.
44O tlhole nae malatsinyana mangwe go tle go tsamaye tšarafalo ya ga mogoloo e fete.
45Go tsamaye bogale jwa ga mogoloo bo boye mo go wena, a lebale se o se mo diretseng. Foo ke tlaa roma ke ya go go tsaya gone. Ana ke tlaa bo ke lo tloselediwang loo babedi ka letsatsi le le lengwe fela?”
46Rebeka a raya Isake a re: “Ke lapisitswe ke botshelo jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa Jakobe a tsaya mosadi mo go bomorwadia Hethe, ba ba etsang ba, ba bomorwadia lefatshe le, botshelo jwa me bo tlaa nna le molemo wa eng mo go nna?”