Tswana 1992 Bible - 30 verses
1Mme ga dirala ya re ka lobaka loo, Juta a huduga a tswa mo go bomorwa rraagwe, a menogela kwa monneng mongwe wa Moadulame, leina la gagwe go twe Hira.
2Juta a bona morwadia Mokanana mongwe gone, leina la gagwe go twe Shua; a mo tsaya, a tsena kwa go ene.
3Mme a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Ere.
4A ba a nna moimana gape, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Onane.
5A fela a bona ngwana wa mosimane gape, a mo raya leina a re, Shela. Juta a bo a le kwa Kesibe fa mosadi a bona ngwana yo.
6Juta a tseisa Ere ngwana wa gagwe wa ntlha mosadi, leina la gagwe go twe, Tamare.
7Ere, ngwana wa ntlha wa ga Juta a bo a le bosula mo matlhong a ga Jehofa; mme Jehofa a mmolaya.
8Juta a raya Onane a re: βTsena kwa go mogatsa mogoloo, o mo tlhatswe ka fa tshwanelong ya monnaa motho, o tsosetse mogoloo losika.β
9Onane a bo a itse fa losika e tlaa bo e se lwa gagwe; mme ga dirala e ne e tle e re a tsena mo go mogatsa mogolowe a thololele fa fatshe, gore e se ka ya re gongwe a tsosetsa mogolowe losika.
10Selo se o se dirileng se ne se le bosula mo matlhong a ga Jehofa; mme le ene a mmolaya.
11Foo, Juta a raya Tamare ngwetsi ya gagwe a re: βNna fela mo ntlong ya ga rraago o le motlholagadi, e bo e tle Shela morwaake a gole.β A ithaya a re: βE se ka ya re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe.β Tamare a ya a nna mo ntlong ya ga rraagwe.
12Ya tla ya re motlha mongwe morwadia Shua, mosadi wa ga Juta, a swa; mme Juta a gomotsega, a tlhatlogela kwa babeoding ba dinku tsa gagwe kwa Timena, le tsala ya gagwe Hira wa Moadulame.
13Tamare a bolelelwa ga twe: βBona, matsalaago o tlhatlogela kwa Timena go beola dinku tsa gagwe.β
14Mme a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ipipa ka losire lwa gagwe, a ipopaganya, a dula fa kgorong ya Enaime o o fa tseleng e e yang Timena; gonne a bona fa Shela a setse a godile, a sa mo neelwe go nna mosadi wa gagwe.
15E rile Juta a mmona a ithaya a re, ke seaka; gonne o ne a ipipile sefatlhogo.
16A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: βKe a go rapela, a re ye koo, o mme ke ye mo go wena;β gonne a sa itse fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme a re: βO tlaa nnaya eng gore o tle o tle mo go nna.β
17A re: βKe tlaa go romela potsane ya dipodi e tswa kwa letsomaneng.β Mosadi a re: βA o tlaa mpeela sengwe o tle o tsamaye o bo o e tlise?β
18Mme a re: βKe tlaa go beela eng?β A re: βSekano sa gago, le mogala wa sone, le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.β Mme a di mo neela, a ya mo go ene, a mo imisa.
19Tamare a nanoga a tsamaya, a apola losire lwa gagwe, a apara diaparo tsa botlholagadi jwa gagwe.
20Juta a romela potsane ka seatla sa tsala ya gagwe ya Moadulame, gore a amogele peelo mo seatleng sa mosadi; mme a se ka a mo fitlhela.
21Foo a botsa banna ba ga gabo mosadi, a re: βSe kae seaka se se neng se le kwa Enaime ka fa tseleng?β Ba re: βGa go ise go ke go nne seaka mono.β
22A boela kwa go Juta a re: βGa ke a ka ka mo fitlhela; le bone banna ba felo foo ba re: βGa go ise go ke go nne seaka mono.β β
23Juta a re: βA a se itseele, e se re gongwe ra tlhabisiwa ditlhong; bona, ke rometse potsane e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.β
24Ga dirala ya re e ka ne e le dikgwedi di le tharo morago, ga bolelelwa Juta ga twe: βTamare ngwetsi wa gago, o akafetse; le gone o moimana ka boaka.β Juta a re: βMo ntshetseng kwa ntle, a fisiwe.β
25E rile a ntshediwa kwa ntle a roma kwa go matsalaagwe a re: βKe ka monna yo dilo tse e leng tsa gagwe ke leng moimana ka ene; a ba a re ke a go rapela, sekaseka dilo tse, o bone gore ke tsa ga mang, sekano, le megala, le thobane?β
26Juta a di dumela a re: βEe, tsa me;β a ba a re: βEne o siame bogolo go nna: ka gobo ke se ka ka mo neela Shela morwaake.β Mme a se ka a ba a tlhola a mo itse.
27Ya re mo motlheng wa go belega ga gagwe, bonang, ga bo go le bana ba mafatlha mo sebopelong sa gagwe.
28Ga dirala ya re a iteka, mongwe a ntsha letsogo; mme mmelegisi a tsaya tlhale e khibidu a e bofelela mo letsogong la gagwe, a re: βYo o dule pele.β
29Mme ya re a busa seatla, bonang, monnawe a tswa; mme mmelegisi a re: βO no o intsheletsang phatlha?β Ke gone ka moo leina la gagwe go tweng Perese.
30Morago ga tswa mogolowe yo o nang le tlhale e khibidu mo letsogong; mme a rewa leina ga twe, Sera.