Tswana 1992 Bible - 29 verses
1E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga JoaĆĄe morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, Amasia morwa JoaĆĄe kgosi ya Juta a simolola go busa.
2O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25. A busa ka dinyaga di le 29 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jehoadine wa Jerusalema.
3A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa; le fa go ntse jalo e seng jaaka Dafite rraagwe; a dira jaaka tsotlhe tse JoaĆĄe rraagwe o ne a di dirile.
4Le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng.
5Ga dirala ya re bogosi bo sena go tlhomama mo seatleng sa gagwe, a bolaya batlhanka ba gagwe ba ba bolaileng kgosi rraagwe.
6Mme bana ba babolai bao ga a ka a ba bolaya, jaaka se se kwadilweng mo lokwalong lwa molao wa ga MoĆĄe, jaaka Jehofa a laotse, a re: âBorra batho ba se ka ba bolaelwa bana, le bana ba se ka ba bolaelwa borraabo; mme motho mongwe le mongwe a swele boleo jwa gagwe.â
7Baetome a ba bolaela mo Molapong wa Letswai ba le 10 000, a gapa Sela ka ntwa, a go raya leina a re: âJoketheeleâ, nako e sa le eno.
8Foo Amasia a roma batho kwa go JoaĆĄe, morwa Jehoahase, morwa Jehu kgosi ya Iseraele a re: âNtlo re lebanye difatlhogo.â
9JoaĆĄe kgosi ya Iseraele a roma kwa go Amasia kgosi ya Juta a re: âSitlwasitlwane yo o ne a le mo Lebanone a roma kwa mosetareng o o mo Lebanone, a re: âNaya morwaake morwadio go nna mosadi;â mme ga feta sebatana se se mo Lebanone, sa gataka sitlwasitlwane.
10Le gale o kgemethile Baetome, mme pelo ya gago e go goleditse; o nne o belafale ka ga gone, o bo o nne koo gaeno; gonne o tlaa bo o italeletsang go tla o ikutlwisa botlhoko gore o tle o we, e bong wena, le Bajuta nao?â
11Mme Amasia a gana go utlwa. Mme JoaĆĄe kgosi ya Iseraele a bolola; mme ene le Amasia kgosi ya Juta ba lebanya difatlhogo kwa BetheĆĄemeĆĄe, o e leng wa Juta.
12Mme Bajuta ba fenyega fa pele ga Baiseraele, mme mongwe le mongwe wa bone a tshabela kwa mogopeng wa gagwe.
13JoaĆĄe kgosi ya Iseraele a tshwara Amasia kgosi ya Juta, morwa JoaĆĄe, morwa Ahasia kwa BetheĆĄemeĆĄe, a ya kwa Jerusalema, a thuba lorako lwa Jerusalema go tswa kgorong ya Eferaime go ya kwa kgorong ya kgokgotsho, boleele jwa mabogo a le makgolo a le mane.
14A tsaya gouta yotlhe le selefera, le dilwana tsotlhe tse di fitlhelwang mo ntlong ya ga Jehofa le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi, le ba ba ntshitsweng peelano ya motse le bone, mme a boela kwa Samaria.
15Ditiro tse dingwe tsa ga JoaĆĄe tse o ne a di dira le bonatla jwa gagwe, le jaaka a ne a tlhabana le Amasia kgosi ya Juta, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
16JoaĆĄe a robala le borraagwe, a fitlhwa mo Samaria le dikgosi tsa Iseraele; mme Jeroboame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
17Mme Amasia morwa JoaĆĄe kgosi ya Juta a nama a sa tshedile morago ga loso lwa ga JoaĆĄe morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, dinyaga di le 15.
18Ditiro tse dingwe tsa ga Amasia, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
19Ba mo rera mo Jerusalema; a tshabela kwa LakiĆĄe, mme ba mo latedisa batho kwa LakiĆĄe, mme ba mmolaela gone.
20Ba mo lere ka dipitse; a fitlhwa mo Jerusalema le borraagwe, mo motseng wa ga Dafite.
21Mme batho botlhe ba Juta ba tsaya Asaria, yo o dinyaga di 16, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe.
22A aga Elathe, a ba a o busetsa mo Juta, kgosi e sena go robala le borraagwe.
23E rile ka ngwaga wa 15 wa ga Amasia morwa JoaĆĄe kgosi ya Juta, Jeroboame morwa JoaĆĄe kgosi ya Iseraele a simolola go busa mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le 41.
24A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa. Ga a ka a fapoga mo maleong otlhe a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.
25A busa molelwane wa Baiseraele go tswa kwa botsenong jwa Hamathe go ya kwa lewatleng la Areba, ka fa lefokong la ga Jehofa, Modimo wa Iseraele, le o ne a le bua ka motlhanka wa gagwe Jona morwa Amitai, moperofeti, yo e ne e le wa Gathe-hefere.
26Gonne Jehofa o ne a bona patikego ya Baiseraele, fa go ne go le botlhoko thata; gonne go ne go sa sala ope yo o tswaletsweng le yo o itsamaelang fela le gone go se na mothusi ope wa Baiseraele.
27Mme Jehofa ga a ka a re o tla phimola leina la Baiseraele fa tlase ga legodimo; mme a ba golola ka Jeroboame morwa JoaĆĄe.
28Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jeroboame le tsotlhe tse o ne a di dira le bonatla jwa gagwe, le jaaka a ne a tlhabana, le jaaka a ne a busa Damaseko le Hamathe, e e kileng ya ne e le metse ya Juta, a e busetsa mo Iseraele, a ga go a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?
29Mme Jeroboame a robala le borraagwe, e bong le dikgosi tsa Iseraele; mme Sekaria morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.