Tswana 1992 Bible - 43 verses
1Ba gorosa letlole la kgolagano ya Modimo, ba le baya mo gare ga mogope o Dafite o o le tlhometseng; ba isa ditshupelo tse di fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso fa pele ga Modimo.
2E rile Dafite a sena go wetsa go isa tshupelo e e fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso, a segofatsa batho ka leina la ga Jehofa.
3A abela mongwe le mongwe wa Baiseraele, monna le mosadi, mongwe le mongwe kgolokwe ya senkgwe, le sebeka sa nama, le mongoloi wa ditshwabi tsa mefine.
4A tlhoma bangwe ba Balefi, gore ba direle fa pele ga letlole la ga Jehofa, le go tumisa, le go leboga, le go baka Jehofa Modimo wa Iseraele.
5Asafe e le yo mogolo, wa bobedi mo go ene e le Sekaria, Jeiele, le Shemi-ramothe, le Jehiele, le Matithia, le Eliabe, le Benaia, le Obete-etome le Jeiele, ba na le disaletere le diharepe; mme Asafe a tsosa modumo o mogolo ka disemebala;
6Benaia le Jahasiele ba baperesiti ba letsa dinaka ka metlha yotlhe fa pele ga letlole la kgolagano ya Modimo.
7Ke gone ka tsatsi leo Dafite a simolola sa ntlha go laola gore go bakwe Jehofa ka Asafe le bana ba ga rraagwe. A re:
8âA ko lo ntshetseng Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe madiro a gagwe lo a itsefatse mo ditÅ¡habeng.
9Mo opeleleng, mo opeleleng dipako, buang ka ga ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di gakgamatsang.
10Kgantshang ka leina la gagwe le le itshepileng; a dipelo tsa bone ba ba batlang Jehofa di itumele.
11Batlang Jehofa le thata ya gagwe; batlang sefatlhogo sa gagwe ka bosakhutleng.
12Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang, tse o di dirileng; dikgakgamatso tsa gagwe, le dikatlholo tsa molomo wa gagwe;
13lona losika lwa ga Iseraele motlhanka wa gagwe, lona bana ba ga Jakoba, baitshenkedwi ba gagwe.
14Ke ene Jehofa Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe.
15Gakologelwang kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng, e bong lefoko le o le laoletseng dikokomana di le makgolo a some;
16e bong kgolagano e o ne a e dira le Aberahame, le ikano ya gagwe le Isake.
17Ikano eo o bile a e tlhomamisetsa Jakobe, gore e nne molao o o emeng, gape le Iseraele, gore e nne kgolagano e e sa khutleng,
18ka a re: âLefatshe la Kanana ke tlaa le naya wena, go nna kabelo ya boswa jwa lona;â
19jale ka lo le batho ba se kae mo palong, ee, lo le ba se kaenyana, e bile lo le bajaki fela mo go lone.
20Ba kgarakgatshega ka go nna ba tlhomaganya merafe fela, ba tswe bogosing jo bongwe ba ye tšhabeng e nngwe.
21Ga a ka a leseletsa motho ope go ba direla tshiamololo; ee, o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone;
22A re: âSe ameng batlodiwa ba me, lo se ka lwa utlwisa baperofeti ba me botlhoko bope.â
23Lefatshe lotlhe opelela Jehofa! Bonatsa poloka ya gagwe ka go tlhomaganya malatsi.
24Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe!
25Gonne Jehofa o mogolo, o na le go bakwa segolo, le gone o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe.
26Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela, ene Jehofa o dirile magodimo.
27Tlotlo e fa pele ga gagwe, le borena, thata le boitumelo di mo felong ga gagwe.
28Ntshetsang Jehofa lona ditshika tsa ditšhaba, ntshetsang Jehofa kgalalelo le thata!
29Ntshetsang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; lereng tshupelo, lo tle fa pele ga gagwe! Obamelang Jehofa mo bontleng jwa boitshepo.
30Lefatshe lotlhe a le rorome fa pele ga gagwe; lobopo le lone lo nitame, ga lo kake lwa tsikinngwa.
31A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele; a go buiwe mo merafeng go twe: âJehofa o a busa!â
32A lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone, a naga e belafale, le tsotlhe tse di mo go lone!
33Foo ditlhare tsa sekgwa di tlaa opela ka boitumelo fa pele ga Jehofa, gonne o tla go atlhola lefatshe.
34A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
35Lo bue lo re: âRe boloke Jehofa wa poloko ya rona, o bo o re phuthe o re golole mo merafeng, gore re tle go baka leina la gago le le itshepileng, le go ja koma mo pakong ya gago.â
36A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, go tswa bosasimologeng go ya fela bosakhutleng.â Mme batho botlhe ba re: âAmen!â Mme ba baka Jehofa.
37Jalo a tlogela Asafe le bana ba ga rraagwe gone fa pele ga letlole la kgolagano ya ga Jehofa, go tla ba direla fa pele ga letlole ka metlha yotlhe, jaaka tiro ya letsatsi lengwe le lengwe e lopa;
38le boObete-etome le bana ba ga rraagwe, batho ba le 68, le Obete-etome morwa Jeduthune le Hosa, ba bile ba le balebedi ba mojako.
39Mme Satoke moperesiti le bana ba ga rraagwe ba baperesiti, ba le fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa mo felong fa go tlotlometseng mo go mo Gibeone,
40go tla ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang ka metlha yotlhe, ka moso le maitsebowa, e bong jaaka tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Jehofa, o o o laoletseng Baiseraele.
41Mme ba bo ba na le Hemane le Jeduthune, le ba bangwe ba ba itshenketsweng, ba ba badilweng ka maina go tla ba baka Jehofa ka gobo boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.
42Mme Hemane le Jeduthune ba bo ba na nabo, ba na le dinaka le disemebala, ba di tsholetse bone ba ba tlaa bong ba dumisetsa godimo, ba bile ba na le diletso tsa dikopelo tsa Modimo. Bomorwa Jeduthune ba bo ba laotswe go nna fa kgorong.
43Batho botlhe ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe, mme Dafite a boa a ya go segofatsa ntlo ya gagwe.