Tswana 1992 Bible - 30 verses
1Satane a tsogela Baiseraele, a tlhotlheletsa Dafite gore a bale Baiseraele.
2Dafite a raya Joabe le dikgosana tsa batho a re: âYang lo bale Baiseraele go tswa BereÅ¡eba go ya fela kwa Dane; lo ntereletse lefoko gore ke tle ke itse palo ya bone.â
3Mme Joabe a re: âA Jehofa a ntsifatse batho ba gagwe, gore ba fete e e leng palo ya bone galekgolo, mme kgosi morena wa me, a ga se batlhanka ba morena wa me botlhe? Ana morena wa me o lopela eng selo se? Wa bo o gogela Baiseraele molato ka ntlha yang?â
4Le fa go ntse jalo lefoko la kgosi la fenya Joabe. Ka ntlha ya moo Joabe a tloga, a ya a ralala Baiseraele botlhe, a ba a tla Jerusalema.
5Joabe a naya Dafite tshobokanyo ya go balwa ga batho. Baiseraele ba le mmogo ba bo ba le 1 100 000; banna ba ba itseng go janja ka tšhaka; Bajuta ba bo ba le 470 000, e le banna ba ba itseng go kgadimokanya tšhaka.
6Mme Balefi le Babenjamine a se ka a ba balela mo go bone; gonne lefoko la kgosi le le maswe thata mo go Joabe.
7Mme Modimo wa itumologela selo se; ke gone ka moo a betsa Baiseraele.
8Dafite a raya Modimo a re: âKe leofile thata ka ke dirile selo se. Jaana, ke a go rapela, tlosa boikepo jwa motlhanka wa gago; gonne ke dirile ka boeleele thata.â
9Jehofa a bua le Gate mmonedi wa ga Dafite a re:
10âYa o bue le Dafite o re, Jehofa o bua jaana a re: âKe baya dilo di le tharo fa pele ga gago; itshenkela sengwe mo go tsone, gore ke tle ke se go direle.â â
11Gate a tla mo go Dafite, a mo raya a re: âJehofa o bua jaana a re: âTsaya se o se ratang;
12a e ka nna le fa e le dinyaga di le tharo tsa leuba; kgotsa go gailwa ka dikgwedi di le tharo fa pele ga baba ba gago, tÅ¡haka ya baba ba gago e ntse e go tshwara; kgotsa e ka nna tÅ¡haka ya ga Jehofa ka malatsi a le mararo, e bong kgogodi mo lefatsheng, le moengele wa ga Jehofa go senya mo melelwaneng yotlhe ya Iseraele?â Jaana o gopole phetolo e ke tlaa e busetsang kwa go yo o nthomileng.â
13Mme Dafite a raya Gate a re: âKe mo pitlaganong e kgolo; a ke wele mo seatleng sa ga Jehofa, gonne mautlwelo botlhoko a gagwe a magolo thata; ke se wele mo seatleng sa motho.â
14Jalo Jehofa a tsosetsa Baiseraele kgogodi; mme ga wa banna ba Baiseraele ba le 70 000.
15Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema a ya go o senya; mme ya re a itlhoma gore o a o senya, Jehofa a leba, mme a ikwatlhaela bosula, a raya moengele yo o senyang a re: âGo lekanye; gona seatla sa gago jaanong.â Moengele wa ga Jehofa a bo a eme fa seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse.
16Dafite a tsholetsa matlho, a bona moengele wa ga Jehofa a eme fa gare ga lefatshe le legodimo a tshotse tšhaka e ekilwe mo letsogong la gagwe le otlololetswe Jerusalema. Foo Dafite le bagolwane ba wela fa fatshe ka difatlhogo, ba apere letsela la kgetsi.
17Dafite a raya Modimo a re: âA ga se nna yo ke laotseng gore batho ba balwe? Ke nna fela yo ke leofileng ka ba ka ikepa thata; dinku tse tsone di dirileng? Ke a go rapela, Jehofa Modimo wa me, a seatla sa gago se nne mo go nna le mo ntlong ya ga rre; e seng mo bathong ba gago, gore ba se ka ba nna mo sebetsong.â
18Foo moengele wa ga Jehofa a laola Gate gore a reye Dafite a re, Dafite a ye a agele Jehofa sebeso mo seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse.
19Mme Dafite a ya ka polelo ya ga Gate e o e buileng ka leina la ga Jehofa.
20Mme Orenane a retologa, a bona moengele; bomorwawe ba bane ba ba nang nae ba iphitlha. Jaana Orenane a bo a fola mabele.
21Ya re Dafite a tla mo go Orenane, Orenane a leba, mme a bona Dafite, mme a tswa mo seboping sa pholelo a ikobela Dafite a isitse sefatlhogo fa fatshe.
22Foo Dafite a raya Orenane a re: âNnaya felo ga sebopi se, sa pholelo, gore ke agele Jehofa sebeso gone; o tlaa se nnaya ka tlhwatlhwa e e tletseng, gore sebetso se khutlisiwe mo bathong.â
23Orenane a raya Dafite a re: âSe tseye fela, a kgosi morena wa me a dire se se molemo mo matlhong a gagwe; bona, ke go naya dikgomo go nna tshupelo e e fisiwang, le dilo tse go folwang ka tsone go nna dikgong, le mabele go nna tshupelo ya boupe; ke ntsha gotlhe fela.â
24Mme kgosi Dafite a raya Orenane a re: âNnyaa; mme ruri ke tlaa go reka ka tlhwatlhwa e e tletseng; gonne ga nketla ke tsaya se e leng sa gago ke se tseela Jehofa, le fa e le go isa tshupelo e e fisiwang e ke sa e ntshetsang sepe.â
25Mme Dafite a reka felo foo mo go Orenane ka dipapetla tsa gouta di le 600.
26Mme Dafite a agela Jehofa sebeso gone, a isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso, a biletsa kwa go Jehofa; mme a mo araba a le mo legodimong ka molelo mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang.
27Jehofa a laola moengele; mme a somela tšhaka mo kgatleng ya yone.
28Ya re ka lobaka loo, ka Dafite a bona fa Jehofa a mo arabile mo seboping sa pholelo sa ga Orenane wa Mojebuse, foo a isa tlhabelo gone.
29Gonne motlaagana wa ga Jehofa, o Moše o kileng a o dira mo nageng, le sebeso sa tshupelo e e fisiwang, di ne di le kwa felong fa go tlotlometseng kwa Gibeone ka lobaka loo.
30Mme Dafite o ne a sa kake a ya fa pele ga sone a ya go botsa mo Modimong; gonne a boifa ka ntlha ya tšhaka ya moengele wa ga Jehofa.