Tswana 1992 Bible - 32 verses
1Jaana Dafite o ne a tsofetse, a le metlha e e tletseng; mme a baya Solomone morwawe kgosi ya Iseraele.
2Mme a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele di na le baperesiti le Balefi.
3Balefi ba bo ba balwa e le ba ba dinyaga di 30 go ya kwa go bomogoloa bone, palo ya bone ka ditlhogo tsa bone, monna le monna, e ne e le 38 000.
4âMo go bao ga bo go le 24 000 e le balebalebi ba tiro ya ntlo ya ga Jehofa; 6 000 e le balaodisiwa le baatlhodi,
5ba ba 4 000 e le balebedi ba mejako; ba ba 4 000 ba baka Jehofa ka diletso tse ke di dirileng,â go bua Dafite, âka re go tle go bakwe ka tsone.â
6Dafite a ba kgaoganya makoko a a fapaanang fela jaaka bomorwa Lefi ba ntse, e bong GereĆĄone le Kohathe le Merari.
7Ga BagereĆĄone: e ne e le Latane le Shimei.
8Bomorwa Latane: e le Jehiele yo mogolo, Sethame le Joele, ba le bararo.
9Bomorwa Shimei: e le Shelomothe, Hasiele le Harane, ba le bararo. Bao e ne e le ditlhogo tsa matlo a borraabo tsa ga Latane.
10Le bomorwa Shimei: Jahathe, Sine, JeuĆĄe le Beria. Ba bane bao e le bomorwa Shimei.
11Jahathe e ne e le yo mogolo, Sisa e le wa bobedi; JeuĆĄe le Beria ba bo ba se na bana ba basimane ba le bantsi; ka ntlha ya moo ba nna ntlo ya borra batho kgotla e le nngwe fela.
12Bomorwa Kohathe: Amerame, le Isahare, le Heberone le Usiele, ba le bane.
13Bomorwa Amerame: Arone le MoĆĄe: Arone a lomololwa, gore a tle a itshepise dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng, ene le bomorwawe, ka bosakhutleng, go tla ba fisa maswalo fa pele ga Jehofa, go mo direla le go baka leina la gagwe ka bosakhutleng.
14Ka ga MoĆĄe, monna wa Modimo, bomorwawe ba ne ba balelwa mo lotsong lwa ga Lefi.
15Bomorwa MoĆĄe: GereĆĄome le Eliesere.
16Bomorwa GereĆĄome: Shebuele yo mogolo.
17Bomorwa Eliesere e ne e le Rehabia yo mogolo. Eliesere o ne a se na ba sele bana ba basimane; bomorwa Rehabia ba bo ba le bantsi thata.
18Bomorwa Isehare: Shelomithe yo mogolo.
19Bomorwa Heberone: Jeria yo mogolo, wa bobedi Amaria, wa boraro Jahasiele, wa bone Jekameame.
20Bomorwa Usiele: Mika yo mogolo, wa bobedi IseĆĄia.
21Bomorwa Merari: Mahali le MuĆĄi. Bomorwa Mahali: Eleasare le KiĆĄe.
22Eleasare a swa a se na bana ba basimane fa e se ba basetsana fela; bomorwa rraabo, e bong bomorwa KiĆĄe ba ba nyala.
23Bomorwa MuĆĄi: Mahali, le Etere, le Jeremothe, ba le bararo.
24Ba e ne e le bomorwa Lefi ka fa matlong a borraabo, e bong ditlhogo tsa matlo a borraabo, tsa bone ba ba badilweng mo go bone, mo palong ya maina ka ditlhogo tsa bone, ba ba dirang tiro ya tirelo ya ntlo ya Jehofa, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 le bomogoloa bone.
25Gonne Dafite o ne a re: âJehofa Modimo wa Iseraele, o neile batho ba gagwe boikhutso; o agile mo Jerusalema ka bosakhutleng.
26Le bone Balefi ga ba ke ba tlhola ba na le go rwala motlaagana le dilwana tsa one tsa tirelo ya one.â
27Gonne bomorwa Lefi ba tlogile ba balwa ka mafoko a bofelo a ga Dafite, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 go ya kwa go bomogoloa bone.
28Gonne tiro ya bone e le go lebelela mo go bomorwa Arone mo tirelong ya ntlo ya ga Jehofa, mo malwapeng, mo matlwaneng le mo go ntlafatseng dilo tsotlhe tse di itshepileng, e bong tiro ya tirelo ya ntlo ya Modimo,
29le mo go sone senkgwe sa tshupo, le mo setoung sa tshupelo ya boupe, le fa e le sa dinkgwenyana tse di lotsatsana tse di sa bedisiwang, kgotsa sa se se besitsweng mo pitseng e e lokhaetla, kgotsa sa se se kokobileng, le sa seelo sengwe le sengwe, le go lekanya botona;
30le go ema ka meso yotlhe ba leboga ba baka Jehofa, le gone mo maitseboeng;
31le go isa ditshupelo tsotlhe tse di fisiwang di isediwa Jehofa, mo bosabateng, le mo metlheng ya go rogwa ga dikgwedi, le mo metlheng ya mediro e e tlhomilweng, di le palo e e emeng ka fa molaong o o tlhomilweng ka ga yone, ka metlha yotlhe fa pele ga Jehofa.
32Le gore ba tle ba lebele mogope wa bophuthegelo, le go lebela felo ga boitshepo, le go lebelela bomorwa Arone bomogoloa bone, mo tirelong ya ntlo ya ga Jehofa.