Tswana 1992 Bible - 24 verses
1Jaana ba, e ne e le bomorwa Dafite ba o ba bonyeng kwa Heberone: wa ntlha Amenone wa ga Ahinoame mosadi wa Mojesereele; wa bobedi, Daniele wa ga Abigaile mosadi wa Mokaremele;
2wa boraro, Abesalome morwa Maaka morwadia Talemai kgosi ya GeĆĄure; wa bone, Atonija morwa Hagithe;
3wa botlhano, Shefatia wa ga Abitale; wa borataro, Ithereame wa ga Egela mosadi wa gagwe.
4A bona ba le barataro mo Heberone; mme a busa ka dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro gone; mo Jerusalema a busa ka dinyaga di le 33.
5Mme ba, a ba bona mo Jerusalema: Shimee, Shobabe, Nathane le Solomone, ke ba bane ba ga BatheĆĄua morwadia Amiele;
6Ibehare, EliĆĄame, Elifelete,
7Noga, Nefege, Jafia,
8EliĆĄame, Eliate le Elifelete, ba fera o le mongwe fela.
9Botlhe ba, e ne e le bomorwa Dafite, kwa ntle ga bomorwa bagadingwana ba gagwe; Tamare e ne e le kgaitsadia bone.
10Morwa Solomone e ne e le Rehoboame, Abija morwawe, Ase morwawe, JehoĆĄafate morwawe;
11Jorame morwawe, Ahasia morwawe, JoaĆĄe morwawe;
12Amasia morwawe, Asaria morwawe, Jothame morwawe;
13Ahase morwawe, Hesekia morwawe, Manase morwawe;
14Amone morwawe, Josia morwawe.
15Bomorwa Josia: motsalwapele Johanane, wa bobedi Jehoiakime, wa boraro Setekia, wa bone Shalume.
16Bomorwa Jehoiakime: Jekonia morwawe, Setekia morwawe.
17Bomorwa Jekonia wa mogolegwa: Shealetiele morwawe,
18Malekirame, Petaia, Shenasare, Jekamia, HoĆĄame, Netabia.
19Bomorwa Petaia ke Serubabele le Shemei; bomorwa Serubabele: MeĆĄulame le Hanania; Shilomethe e ne e le kgaitsadia bone;
20le HaĆĄuba, Ohele, Berekia, Hasadia le JuĆĄabe-hesete; ba ba tlhano.
21Bomorwa Hanania: Pelatia le JeĆĄaia; bomorwa Refaia; bomorwa Arenane, bomorwa Obadia, bomorwa Shekania.
22Bomorwa Shekania: Shemaia; le bomorwa Shemaia: HatuĆĄe, Igale, Baria, Nearia le Shafate; ba barataro.
23Bomorwa Nearia: Elioenai, Hisikia le Aserikame, ba bararo.
24Bomorwa Elioenai: Hotafia, EliaĆĄibe, Pelaia, Akube, Johanane, Delaia le Anani; basupa.