Tswana 1992 Bible - 9 verses
1E rile ba nthaya ba re: βA re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa,β ka itumela.
2Dinao tsa rona di eme mo teng ga dikgoro tsa gago, wena Jerusalema;
3Jerusalema, o agilwe jaaka motse o o kitlanyeng;
4kwa ditso di tlhatlogelang gone, e bong ditso tsa ga Jehofa, go nna tshupo mo go Iseraele, go ntshetsa leina la ga Jehofa malebogo.
5Gonne ditulo tsa bogosi tsa katlholelo di beilwe gone, e bong ditulo tsa bogosi tsa ntlo ya ga Dafite.
6Rapelelang kagiso ya Jerusalema: βBa ba go ratang ba tlaa tlhogonolofala.
7A go nne kagiso mo teng ga dithako tsa gago, le go tlhogonolofala mo teng ga matlo a gago a dikgosi.β
8Ka ntlha ya bana ba ga rre le bankana ba me, ke tlaa bua jaana ke re: βKagiso e nne mo teng ga gago.β
9Ka ntlha ya ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa rona, ke tlaa go batlela se se molemo.