Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Fa e ka bo e se Jehofa yo o neng a le ntlheng ya rona, a Iseraele a bue jaana a re:
2“Fa e ka bo e se Jehofa, yo e rileng batho ba re tsogologela a bo a le ntlheng ya rona;
3ba ka bo ba re komeditse re sa ntse re utlwa, jale ka kgakalo ya bone e re tuketse.
4Foo metsi a ka bo a re phikametse, noka e ka bo e hupeditse mowa wa rona.
5Foo metsi a a kokomogileng a ka bo a hupeditse mowa wa rona.”
6A go bakwe Jehofa yo o se kang a re tsenya jaaka thopo mo menong a bone.
7Mowa wa rona o falotse jaaka nonyane mo mutlwaneng wa bathai; mutlwane o kgaogile, mme re falotse.
8Thuso ya rona e mo ineng la ga Jehofa, yo o dirileng legodimo le lefatshe.