Tswana 1992 Bible - 3 verses
1Bonang, go molemo jang, go monate jang, fa bana ba monna ba aga mmogo ka pelo nngwe fela.
2Go tshwana jaaka lookwane lo lo tlhokegang lo le mo tlhogong, lwa repelelela le kwa ditedung, e bong ditedu tsa ga Arone; lwa ba lwa fologela le kwa dipeeleding tsa diaparo tsa gagwe;
3go tshwana jaaka monyo wa Heremone, o o fologelang mo dithabeng tsa Sione; gonne Jehofa o laoletse tshegofatso gone, e bong botshelo ka bosakhutleng.