Tswana 1992 Bible - 21 verses
1Bakang Jehofa; lo bakeng leina la ga Jehofa; lo mmakeng lona batlhanka ba ga Jehofa;
2lona ba lo emang mo ntlong ya Jehofa, mo malwapeng a ntlo ya Modimo wa rona.
3Lo bakeng Jehofa; gonne Jehofa o molemo; opelelang leina la gagwe dipako; gonne go monate.
4Gonne Jehofa o ikgethetse Jakobe go nna wa gagwe ka sebele, le Iseraele go nna khumo ya gagwe e e tlhophegileng.
5Gonne ke a itse fa Jehofa a le mogolo, le go re Jehofa wa rona o godimo ga medimo yotlhe.
6Sengwe le sengwe se Jehofa o se ratileng o dirile sone fela, kwa legodimong le mo lefatsheng, mo mawatleng le mo mafelong a a boteng otlhe fela.
7O tle a tlhatlose mouwane kwa dikhutlong tsa lefatshe; a direle pula dikgadima; a ntshe phefo mo dibolokelong tsa gagwe.
8Ke yo o na a itaya matsalwapele a Egepeto, a motho le a kgomo.
9O ne a baya ditshupo le dikgakgamatso mo gare ga gago Egepeto, mo go Faro, le mo batlhankeng ba gagwe botlhe fela.
10Yo o ne a itaya merafe e le mentsi, a bolaya dikgosi tse di thata:
11Sihone kgosi ya Baamore, le Oge kgosi ya Baลกane, le magosi otlhe a Kanana;
12a aba lefatshe la bone go nna boswa, boswa jwa ga Iseraele, tลกhaba ya gagwe.
13Leina la gago, Jehofa, le eme ka bosakhutleng; segopodiso sa gago, Jehofa, se ntse mo tshikatshikeng tsotlhe fela.
14Gonne Jehofa o tlaa atlhola batho ba gagwe, mme o tlaa ikwatlhaya ka ga batlhanka ba gagwe.
15Medimo ya disetwa ya merafe ke selefera le gouta, tiro ya diatla tsa batho.
16E na le melomo, mme ga e bue; e na le matlho, mme ga e bone;
17e na le ditsebe, mme ga e utlwe; mme le gone ga go na mowa mo melomong ya yone.
18Ba ba e dirang ba tlaa tshwana nayo fela; ee, mongwe le mongwe yo o e ikanyang.
19Lona ba ntlo ya ga Iseraele, bakang Jehofa; lona ba ntlo ya ga Arone, bakang Jehofa;
20lona ba ntlo ya ga Lefi, bakang Jehofa; lona ba lo boifang Jehofa, lo bakeng Jehofa.
21A go bakwe Jehofa mo Sione, yo o agileng kwa Jerusalema. Bakang Jehofa.