Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Jehofa, a ko o nkgolole mo mothong yo o bosula; ntibela mo mothong yo o thubakang.
2Ba ba tlhatlhanyang bosenyi mo pelong tsa bone; ba tlhola ba ntse ba phuthegela ntwa ka gale.
3Ba looditse loleme lwa bone jaaka noga; botlhoko jwa Ε‘auΕ‘awane bo ka fa tlase ga dipounama tsa bone. Sela.
4Jehofa, mpoloka mo diatleng tsa baikepi; ntibela mo mothong yo o thubakang; ba ba ikaeletseng gore ba tlaa faposa dikgato tsa me.
5Bapelompe ba ntshubetse mutlwane le megala; ba adile lotloa ka fa tseleng; ba nthaetse ka diru. Sela.
6Ka raya Jehofa ka re: βO Modimo wa me;β sekegela lentswe la mekokotlelo ya me tsebe, Jehofa.
7Modimo Morena, thata ya poloko ya me, o khurumeditse tlhogo ya me mo letsatsing la tlhabano.
8Jehofa o se ka wa naya moikepi dikeletso tsa gagwe; o se ka wa tsweleletsa pele maano a gagwe a bosula; ba ka tla ba ikgodisa. Sela.
9Ka ga tlhogo ya ba ba ntikanyetsang, a bosenyi jwa dipounama tsa bone bo ba bipe.
10A magala a a tukang a wele mo go bone; a ba latlhelwe mo molelong; mo mekoleng e e boteng, gore ba se ka ba tlhola ba tsoga.
11Motho yo o buang bosula ga a ketla a tlhomamisiwa mo lefatsheng; bosula bo tlaa tsoma yo o thubakang go mo ribegetsa.
12Ke a itse fa Jehofa a tlaa emela kgang ya yo o patikwang, le tshiamo ya motlhoki.
13Ruri mosiami o tlaa ntshetsa leina la gago malebogo; mothokgami o tlaa aga fa pele ga gago.