Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Utlwa morapelo wa me Jehofa; sekegela mekokotlelo ya me tsebe; o nkarabe mo boikanngong jwa gago, le mo tshiamong ya gago.
2O se ka wa seka le motlhanka wa gago; gonne mo ponong ya gago ga go na motshedi ope yo o ka nnang tshiamo.
3Gonne mmaba o bogisitse mowa wa me; o thubanyeditse botshelo jwa me fa fatshe; o mpatiketse go aga mo mafelong a lefifi jaaka ba ba sa bolong go swa.
4Ke gone ka moo mowa wa me o phikameng mo teng ga me; pelo ya me e swafetse mo teng ga me.
5Ke gakologelwa metlha ya bogologolo; ke akanya go dira ga gago; ke tlhatlhanya ditiro tsa diatla tsa gago.
6Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena; mowa wa me o go nyorelwa jaaka lefatshe le le kgalegileng.
7Jehofa, akofa o nkarabe; mowa wa me o a fela; se mphitlhele sefatlhogo sa gago; nka tla ka nna jaaka ba ba fologelang mo moleteng.
8Nkutlwisa bopelonomi jwa gago jwa lorato mo mosong; gonne ke ikanya mo go wena; nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone; gonne ke tsholeletsa mowa wa me koo go wena.
9Jehofa, nkgolola mo babeng ba me; ke tshabela koo go wena gore o mphitlhe.
10O nthute go dira go rata ga gago; gonne o Modimo wa me; mowa wa gago o molemo; o nkgoge mo lefatsheng la thokgamo.
11Ntsitsibosa, Jehofa, ka ntlha ya leina la gago; mo tshiamong ya gago o ntshe mowa wa me mo tlalelong.
12Mo bopelonoming jwa gago jwa lorato o bo o kgaole botlhe ba ba patikang mowa wa me; gonne ke motlhanka wa gago.