Tswana 1992 Bible - 21 verses
1Modimo wa me, ke tlaa go godisa, Kgosi; ke tlaa baka leina la gago ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
2Ke tlaa go baka ka malatsi otlhe; ke tlaa baka leina la gago ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
3Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa thata; bogolo jwa gagwe ga bo na phukutso.
4Losika longwe lo tlaa baka ditiro tsa gago go ya losikeng lo longwe, mme lo tlaa kakanya ditiro tsa gago tsa bonatla.
5Ke tlaa akanya borena jo bo galalelang jwa tlotlego ya gago, le ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.
6Batho ba tlaa bua ka ga bonatla jwa ditiro tsa gago tse di boitshegang; mme ke tlaa bolela bogolo jwa gago.
7Ba tlaa bolela kgakologelo ya molemo o mogolo wa gago, ba tlaa opela ka ga tshiamo ya gago.
8Jehofa o pelotshweu, o tletse pelotlhomogi; o bonya go galefa, mme o na le boutlwelobotlhoko jo bogolo.
9Jehofa o molemo mo go tsotlhe; mautlwelobotlhoko a manana a gagwe a okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.
10Ditiro tsotlhe tsa gago di tlaa go ntshetsa malebogo, Jehofa; le baitshepi ba gago ba tlaa go baka.
11Ba tlaa bua ka ga kgalalelo ya bogosi jwa gago, ba bua ka ga thata ya gago;
12go itsise bana ba batho ditiro tsa gagwe tsa bonatla, le kgalalelo ya borena jwa bogosi jwa gagwe.
13Bogosi jwa gago ke bogosi jo bo se nang bokhutlo, le puso ya gago e eme go ya ditshikatshikeng tsotlhe.
14Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, o topalatsa botlhe ba ba obameng.
15Matlho a dilo tsotlhe a lebeletse wena; mme o tle o di fe dijo tsa tsone mo metlheng e e lebanyeng.
16O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.
17Jehofa o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelotshweu mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.
18Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, e bong botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.
19O tlaa dirafatsa keletso ya ba ba mmoifang; le gone o tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke.
20Jehofa o boloka botlhe ba ba mo ratang; mme baikepi botlhe o tlaa ba senya.
21Molomo wa me o tlaa bua pako ya ga Jehofa; a nama yotlhe e bake leina la gagwe le le boitshepo, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.