Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Bakang Jehofa; gonne go molemo go opelela Modimo wa rona dipako, gonne go monate, mme pako e tshwanetse.
2Jehofa o agelela Jerusalema; o phutha balatlhiwa ba Iseraele.
3O fodisa ba ba pelo di phatlogileng, o fapa matsanko a bone.
4O bolela palo ya dinaledi, o di raya maina tsotlhe fela.
5Morena wa rona o mogolo, o senatla mo nonofong; tlhaloganyo ya gagwe ke mo go se nang kankabetso.
6Jehofa o tshegetsa bapelonomi; mme o folosetsa baikepi fa fatshe.
7Opelelang Jehofa ka tebogo; opelelang Modimo wa rona dipako ka harepe.
8O o khurumetsang legodimo ka maru, o o baakanyetsang lefatshe pula, o o tlhogisang bojang mo dithabeng.
9O fa dikgomo dijo tsa tsone, le mamphorwana a mahukubu a a lelang.
10Ga o natefelwe ke thata ya pitse; ga o na kgatlhego mo maotong a motho.
11Jehofa o kgatlhega mo go ba ba mmoifang, mo go ba ba solofelang mo boutlwelongbotlhoko jwa gagwe.
12Baka Jehofa, wena Jerusalema; baka Modimo wa gago wena Sione.
13Gonne o thatafaditse mephakalego ya ditswalo tsa gago; o segofaditse bana ba gago mo teng ga gago.
14O dira kagiso mo melelwaneng ya gago; o go kgorisa setou sa mabele se se boleta bogolo.
15O ntshetsa taolo ya one kwa lefatsheng; lefoko la one le siane ka thata e kgolo.
16O aba kapoko e nne jaaka bobowa; a gase kgogotshwane, e nne jaaka melora.
17O latlhela sefako sa one, se nne jaaka dikgapetlana; e mang yo o ka itshokelang letsididi la one?
18O ntsha lefoko la one, o di tlhapolose; o fokise phefo ya one, mme metsi a elele.
19O supetsa Jakobe lefoko la one, ditao tsa one le ditshiamiso tsa one mo go Iseraele.
20Ga o ise o ko o direle morafe ope jalo; mme ka ga dikatlholo tsa one, ga ba ise ba ke ba di itse. Bakang Jehofa.