Tswana 1992 Bible - 31 verses
1Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng? Ke ka ntlha yang o le kgakala le go nthusa, o bile o kgakala le mantswe a go bokolela ga me?
2Modimo wa me wee, ke bitsa motshegare, mme ga o nkarabe; le mo lobakeng lwa bosigo ga ke didimale.
3Mme wena o boitshepo; wena yo o ntseng mo dipakong tsa Iseraele.
4Borraetsho ba ne ba go ikanya; ba ikanya, mme wa nna wa ba golola.
5Ba go kuela, mme ba gololwa; ba ikanya mo go wena, mme ba se ka ba tlhajwa ke ditlhong.
6Nna ke seboko fela, ga ke motho wa sepe; ke sekgobo sa batho, ke sotlwa ke batho.
7Botlhe ba ba mponang ba ntshega ka go ntshotla; ba petla molomo, ba thukutha tlhogo, ba re:
8âIneele mo go Jehofa; a ene a mo golole; a a mo golole ka e le fa a itumela thata mo go ene.â
9Mme wena, o ene yo o nntshitseng mo sebopelong; wa ntira gore ke ikanye jale ka ke le mo mabeleng a ga mme.
10Ke sa le ke latlhelwa mo go wena ke tswa mo sebopelong; ke sa le ke tswa mo mpeng ya ga mme o ntse o le Modimo wa me.
11Se nne kgakala le nna; gonne khuduego e gaufi; ka gobo go se na ope yo o thusang.
12Dipoo di le dintsi di mpharafere; dipoo tse di thata tsa Bašana di ntikile.
13Di Nkatlhamiseditse magano a tsone, jaaka tau e e šakgetseng, e e pepedumang.
14Ke tshologile jaaka metsi, marapo a me a lokologile otlhe; pelo ya me e ntse jaaka makgaga; e tlhapologile fa gare ga mala a me.
15Thata ya me e omeletse jaaka lophego; loleme lwa me le lone lo mamaretse magalapa a me; mme o nterile mo loroleng lwa loso.
16Gonne dintša di mpharafere; phuthego ya badiri ba bosula e ntiteetse mo teng; ba tlhabile diatla tsa me, le dinao tsa me.
17Nka bala marapo a me otlhe fela; ba lebile ba nkaletse matlho.
18Ba kgaogana diaparo tsa me, mme kobo ya me ba e laola ka bola.
19O se ka wa nna kgakala, Jehofa; wena Moelamedi wa me, o intlhaganelele go nthusa.
20Golola mowa wa me mo tšhakeng; moratwanyana wa me mo thateng ya ntša.
21Nkgolola mo leganong la tau; ee, o nkarabile le ke le mo dinakeng tsa dinare.
22Ke tlaa kakanyetsa bana ba ga rre leina la gago; mo gare ga phuthego ke tlaa go baka.
23Lona ba lo boifang Jehofa, mmakeng; lona lotlhe losika lwa ga Jakobe, mo galaletseng; lona lotlhe losika lwa Iseraele, lo eme ka go mmoifa.
24Gonne ga a a nyatsa, le fa e le go feretlhwa ke patikego ya mopatikwi; le gone ga a a mo subela sefatlhogo sa gagwe; mme o rile a mo ikuela, a utlwa.
25Ke ka ga gago fa pako ya me e tswa mo phuthegong e kgolo; ke tlaa lefela maikano a me fa pele ga bone ba ba mmoifang.
26Ba ba pelonolo ba tlaa ja ba kgora; bone ba ba senkang Jehofa, ba tlaa mmaka; a pelo tsa lona di tshele ka bosakhutleng.
27Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa gakologelwa, di boela mo go Jehofa; le ditshika tsotlhe tsa merafe di tlaa obama fa pele ga gago.
28Gonne bogosi ke jwa ga Jehofa; ke ene mmusi wa merafe.
29Botlhe ba ba nonneng ba lefatshe ba tlaa ja, ba obama; botlhe ba ba fologelang mo loroleng ba tlaa khubama fa pele ga gagwe, le e leng ene yo o se nang thata ya go itshedisa mowa.
30Losika longwe lo tlaa mo direla; go tlaa bolelelwa losika lo lo tlang ka ga Jehofa.
31Ba tlaa tla, ba tlaa kakanya tshiamo ya gagwe mo bathong ba ba tlogang ba tsalwa, fa ene a go dirile.