Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Ke ne ka lebelela Jehofa ka pelotelele; a itshekegela kwa go nna, a utlwa go gowa ga me.
2Le gone a ntlhatlosa mo mokoleng o o boitshegang, le mo seretseng se se maragaraga; a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng, a ba a tlhomamisa ditsamao tsa me.
3O tsentse sefela se seΕ‘a mo molomong wa me, e bong pako ya Modimo wa rona; batho bantsi ba tlaa go bona, ba boifa, mme ba tlaa ikanya Jehofa.
4Go sego monna yo o kgantshang Jehofa; mme a sa tlhokomele ba ba ikgodisang, le fa e le ba ba fapogelang kwa maakeng.
5Jehofa Modimo wa me, di dintsi ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, tse o di dirileng, le megopolo ya gago e e kwano go rona; ga o ka ke wa di rulaganyediwa; fa ke rata go di bolela, le go bua ka ga tsone, di feta mo go ka balwang.
6Ga o na kgatlhego mo setlhabelong le mo tshupelong; ditsebe tsa me o di kabolotse; tshupelo e e fisiwang, le tshupelelo ya boleo ga o a ka wa di lopa.
7Foo ka re: βBona ke tsile; mo momenaganong wa lokwalo go kwadilwe ka ga me ga twe:
8Ke itumela thata go dira go rata ga gago, Modimo wa me; ee, molao wa gago o mo teng ga pelo ya me.β
9Ke boletse tshiamo mo phuthegong e kgolo; bona, ga nketla ke thiba dipounama tsa me, Jehofa, o a itse.
10Ga ke a fitlha tshiamo ya gago mo teng ga pelo ya me; ke boletse boikanngo jwa gago le poloka ya gago; ga ke a lobela phuthego e kgolo bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago.
11O se ka wa ntlhokisa mapelonamagadi a gago Jehofa; a bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago bo ntlamele ka gale le gale.
12Gonne masula a a se nang palo a ntsentse gare; maikepo a me a tsile go ntshwara, ke bile ke retelelwa ke go lelala; a mantsi bogolo go feta palo ya meriri ya tlhogo ya me, mme pelo ya me a mpheletse.
13A go go kgatlhe Jehofa go nkgolola; tswee, o itlhaganele go nthusa Jehofa.
14Ba ba tsomang mowa wa me go o senya a ba tlhajwe ke ditlhong ba tseanngwe mmogo; ba ba itumelang thata ka go utlwa botlhoko ga me a ba busediwe kwa morago, ba tlhokisiwe tlotlo.
15Ba ba nthayang ba re: βAhe! Ahe!β A ba swafale ka ntlha ya go tlhabisiwa ditlhong ga bone.
16A botlhe ba ba go batlang ba itumele, ba ipele mo go wena; a ba ba ratang poloka ya gago ba bue ka go tlhoka go khutla ba re: βA Jehofa a godisiwe.β
17Nna ke lehuma, ke a tlhoka; le fa go ntse jalo, Morena o a nkgopola; wena o thuso ya me, le mogolodi wa me; o se ka wa diega, Modimo wa me.