Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Dintshi tse di suleng di nkgisa setlolo sa modira dinkgisa monate sebodu; boeleele bo le bonnye bo feta jalo botlhale le tlotlo ka bokete mo selekanyong.
2Pelo ya motho yo o botlhale e ka fa ntlheng ya letsogo le legolo; mme pelo ya seeleele e ka fa ntlheng ya la molema.
3Ee, le gone fa seeleele se tsamaya mo tseleng, tlhaloganyo ya sone e se tlhaele, mme se ipolele mongwe le mongwe, se re: “Ke seeleele.”
4Fa mowa wa molaodi o go tsogologela, o se ka wa tlogela felo ga gago; gonne boineelo bo ngotla ditlolo tse dikgolo.
5Go na le bosula bongwe jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, e kete ke timelo e e tswang mo molaoding.
6Boeleele bo bewa mo tlotlong e kgolo, mme bahumi ba dule mo felong fa go kwa tlase.
7Ke bonye batlhanka ba palame dipitse, le dikgosana di tsamaya fa fatshe jaaka batlhanka.
8Yo o epang lemena o tlaa wela mo go lone; mme yo o sutlhang ka logora noga e tlaa mo loma.
9Yo o sutisang maje o tlaa utlwisiwa botlhoko ke one; le yo o rathang dikgong o mo poitshegong ka gone.
10Fa tshipi e le boboi, mme motho a sa lootse bogale jwa yone, foo o na le go ikitlimanya bogolo; mme botlhale bo molemo go siamisa.
11Fa noga e loma e ise e tseanngwe, foo ga go na thuso mo motseanying.
12Mafoko a molomo wa motho yo o botlhale a mantle; mme dipounama tsa seeleele di tlaa metsa sone seeleele ka sosi.
13Tshimologo ya mafoko a molomo wa sone ke boeleele, le bokhutlo jwa puo ya sone ke botsenwa jo bo bosula.
14Gape seeleele se tle se ntsifatse mafoko; le fa go ntse jalo motho ga a itse se se tlaa nnang; mme se se tlaa nnang morago ga gagwe e mang yo o ka se mmolelelang?
15Letsapa la dieleele le lapisa sengwe le sengwe sa tsone, ka se sa itse ka fa se ka yang motseng ka gone.
16O a bo o latlhega, wena lefatshe fa kgosi ya gago e le ngwanyana le dikgosana tsa gago fa di ja go sa le ka moso.
17O sego wena lefatshe, motlhang kgosi ya gago e leng ngwana wa batho ba batona, le dikgosana tsa gago fa di ja ka motlha o o siameng, gore ba nne thata, e seng gore ba tagwe.
18Ditlhomeso di wela mo teng ka bomatla jwa motho; ntlo e be e dutle ka bobodu jwa diatla.
19Modiro o direlwa ditshego, le bojalwa jwa mofine bo itumedisa botshelo; le madi a fenya dilo tsotlhe.
20O se ka wa roga kgosi, nnyaa, le fa e le mo mogopolong; le bahumi o se ka wa ba roga mo ntlwaneng ya gago ya borobalo; gonne nonyane ya loapi e tlaa isa lentswe, le se se nang le diphuka se tlaa bolela mafoko.