Tswana 1992 Bible - 16 verses
1Go tlaa tswa letlhogela mo thitong ya ga Jese, mme letswela le le tswang mo metsweng ya gagwe le tlaa ungwa.
2Mowa wa ga Jehofa o tlaa nna mo go ene, mowa wa botlhale le wa tlhaloganyo, mowa wa kgakololo le wa nonofo, mowa wa kitso le wa go boifa Jehofa.
3Go thama ga gagwe go tlaa nna mo go boifeng Jehofa; ga a ketla a atlhola ka fa ponong ya matlho a gagwe, le fa e le go kgalema ka fa kutlong ya ditsebe tsa gagwe.
4O tlaa atlholela bahumanegi ka tshiamo, a kgalemelele bakgobaladi ba lefatshe ka tekatekanyo; mme o tlaa itaya lefatshe ka thupa ya molomo wa gagwe, a bolaya baikepi ka mowa wa dipounama tsa gagwe.
5Tshiamo e tlaa nna moitlamo wa lotheka lwa gagwe, le boikanngo bo nne moitlamo wa dirope tsa gagwe.
6Phiri e tlaa aga le kwanyana, nkwe e tlaa botha le potsane; le namane le tawana di tlaa fula mmogo; mme ngwanyana yo monye o tlaa di goga.
7Kgomo e namagadi e tlaa fula e na le bera; bana ba tsone ba tlaa botha mmogo; mme tau e tlaa ja motlhaka jaaka kgomo.
8Ngwanyana yo o anyang o tlaa tshameka fa mosimeng wa kake, ngwanyana yo o kgwisitsweng o tlaa baya seatla sa gagwe fa kutleng ya šaušawane.
9Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.
10Go tlaa dirala mo letsatsing leo, go re motswe wa ga Jese, yo o emeng a le mokgele wa ditšhaba, merafe e tlaa leba kwa go ene; mme felo fa o nnang gone go tlaa nna kgalalelo.
11Go tlaa dirala mo letsatsing leo go re Morena o tlaa ntsha letsogo la gagwe gape go ba a tsaya masalela a batho ba gagwe, a a tlaa bong a setse, a tswa Asiria le kwa Egepeto, le kwa Patherose, le kwa Kuše, le kwa Elame, le kwa Shinare, le kwa Hamathe, le kwa ditlhakeng tsa lewatle.
12O tlaa tlhomela merafe mokgele mme o tlaa kokoanya balelekwi ba Iseraele; o tlaa phuthela mmogo bafaladi ba Juta ba tswa dikgokgotshong tsoo nne tsa lefatshe.
13Lefufa la ga Eferaime le lone le tlaa tloga, le ba ba tshwenyang Juta ba tlaa kgaolwa; Eferaime ga a ketla a nna lefufa le Juta, le Juta ga a ketla a tshwenya Eferaime.
14Ba tlaa phomegela mo leruding la Bafilisitia ka fa ntlheng ya bophirimatsatsi; mmogo ba tlaa thopa bana ba botlhabatsatsi; ba tlaa ntshetsa letsogo la bone kwa Etome le Moabe; mme bana ba Amone ba tlaa ba ineela.
15Jehofa o tlaa senyetsa ruri senwane sa lewatle la Egepeto; mme o tlaa thokgosetsa letsogo la gagwe godimo ga Noka ka phefo ya gagwe e e tshubang, o tlaa e betsa e nna dinokana di supa, o tlaa di kgabagantsha batho ka dinao di ikomeleletse fela.
16Go tlaa nna tsela e tona ya mheru ya masalela a batho ba gagwe, ba ba tlaa bong ba setse ba tswa Asiria; jaaka e kile ya ne e le ya ga Iseraele mo motlheng o ba duleng mo lefatsheng la Egepeto ka one.