Tswana 1992 Bible - 21 verses
1Mo letsatsing leo sefela se, se tlaa opelwa mo lefatsheng la Juta, go twe: Re na le motse o o thata; Poloko o tlaa e tlhoma gore e nne dithako le diphemelo.
2Bulang dikgoro gore morafe o o siameng, o o tshegetsang boammaaruri o tsene.
3Ene yo pelo ya gagwe e ikaegileng mo go wena, o tlaa mo nnisa mo kagisong e e tlhomameng; ka a ikantse mo go wena.
4Ikanyeng mo go Jehofa ka bosakhutleng; gonne mo go MORENA JEHOFA go na le lefika la bosaengkae.
5Gonne o folositse ba ba agileng kwa godimo, e bong motse o o kwa godimo; o o beile kwa tlase, a o baya mo mmung tota; a o tlisa le mo loroleng fela.
6Lonao lo tlaa o gatakela tlase; le tse e leng dinao tsa bahumanegi, le dikgato tsa batlhoki.
7Tsamao ya mosiami ke thokgamo; wena yo o thokgameng o lolamisa tsela ya basiami.
8Ee, mo tsamaong ya dikatlholo tsa gago Jehofa, re go letile; keletso ya mewa ya rona e mo leineng la gago, le mo seregopodising sa gago.
9Ke go eleditse bosigo ka mowa wa me; ee, ka mowa wa me o o mo teng ga me ke tlaa go senka ka maphakela; gonne e a re fa ditshiamiso tsa gago di le mo lefatsheng, banni ba lefatshe ba tle ba ithute tshiamo.
10Le fa go ka iwa ntlheng ya moikepi, le fa go ntse jalo ga a ke a ithuta tshiamo; mo lefatsheng la thokgamo o tlaa nna a sokamisa fela, a se ke a tlhokomele borena jwa ga Jehofa.
11Jehofa, seatla sa gago se tsholeditswe, le fa go ntse jalo ga ba bone; le fa go ntse jalo ba tlaa tla ba bona tlhoafalo ya gago ka ga batho, mme ba tlaa tlhajwa ke ditlhong; ee, molelo o tlaa laila baganetsi ba gago.
12Jehofa o tlaa re laolela kagiso, gonne o re diretse le tsone ditiro tsotlhe tsa rona.
13Jehofa, Modimo wa rona, barena ba sele kwa ntle ga gago ba ntse ba na le taolo mo go rona; mme ke ka wena wesi yo re tlaa umakang leina la gago.
14Bone ba sule, ga ba ketla ba tshela; ba nyeletse, ga ba ketla ba tsoga; ke gone ka moo o ba kgopholotseng wa ba senya, mme wa dira gore go ba gakologelwa go nyelelele ruri.
15O atisitse morafe Jehofa, o atisitse morafe; o galaleditswe; o katositse melelwane yotlhe ya lefatshe.
16Jehofa, ba go batlile ba le mo tlalelong, e rile kwatlhao ya gago e le mo go bone ba gorometsa morapelo.
17Jaaka mosadi yo o moimanyana a atamela lobaka lwa gagwe lwa go belega, a le mo botlhokong, mme a gwetla ka metlotsedi ya gagwe; le rona re ne re ntse jalo fa pele ga gago, Jehofa.
18Re ne re ntse re le baimanyana, re ntse jaaka e kete re belege phefo fela; ga re a dira kgololo epe mo lefatsheng, le gone ga go a tsalwa banni ba lefatshe.
19Baswi ba gago ba tlaa tshela; ditoto tsa me di tlaa tsoga. Tsogang lo eme, lo opele lona ba lo agileng mo loroleng; gonne monyo wa gago o ntse jaaka monyo wa merogo, mme lefatshe le tlaa tlhatsa baswi ba lone.
20Ntlo, wena tลกhaba ya me, o tsene mo matlonyaneng a gago, o itswalele mejako o le kwa teng; o iphitlhe ka lobaka lo lonnyennyane, go tsamaye kgakalo e fete.
21Gonne, bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, a tswela go beletsa banni ba lefatshe boikepo jwa bone; lefatshe le lone le tlaa senola madi a lone, mme ga le ketla le tlhola le bipa babolaiwa ba lone.