Tswana 1992 Bible - 10 verses
1E e leng naga fela e tlaa ipela le lefatshe la lokgere; le sekaka se tlaa itumela se nyakalala jaaka sešeše.
2Se tlaa nyakalala segolo thata, se ipela, ee, le ka boitumelo le tuduetso; kgalalelo ya Lebanone e tlaa se newa, le boitlotlomatso jwa Karemele le Sharone; ba tlaa bona kgalalelo ya ga Jehofa, le boitlotlomatso jwa Modimo wa rona.
3Thatafatsang diatla tse di bokoa, lo lomaganye mangole a a kgwetlhang.
4Rayang bone ba pelo e e ngodiegang lo re: “Thatafalang, se boifeng; bonang, Modimo wa lona o tlaa tla ka pusoloso, le ka tefetso ya Modimo; o tlaa tla a lo boloka.”
5E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang.
6E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela; gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng.
7Meenene e tlaa tswa mogobe wa metsi, le mmu o o nyorilweng metlhodi ya metsi; mo bonnong jwa diphokoje, kwa di ne di robala teng, go tlaa nna bojang bo na le lotlhaka le mokhasi.
8Le tsela ya mheru e tlaa nna teng, le bofeto; go tlaa bidiwa tsela ya boitshepo; ba ba sa itshekang ga ba ketla ba tla ka yone; mme e tlaa nna ya bone bale; batsamai le tsela, ee, le ba ba dieleele ga ba ketla ba timela mo go yone.
9Ga go ketla go nna tau epe teng, le gone sebatana sepe se se gagolang ga se ketla se ya mo go yone; ga di ketla di fitlhelwa teng; mme barekolodwi ba tlaa tsamaya teng;
10mme ba Jehofa o ba lefetseng ba tlaa bowa, ba tlaa tla ka kopelo mo Sione; boitumelo jwa bosakhutleng bo tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa bona boipelo le boitumelo; mme bohutsana bo tlaa fofela koo le diphegelo.