Tswana 1992 Bible - 6 verses
1E tlaa re mo letsatsing leo basadi ba supa ba tlaa tshwara monna a le mongwe fela, ba re: βRe tlaa ja dijo tsa rona, re tlaa apara diaparo tsa rona, mme a re ke re bidiwe ka leina la gago fela; wena o tlose kgobo ya rona.β
2Mo letsatsing leo, letlhogela la ga Jehofa le tlaa nna lentlentle, le ba le galalela, mme loungo lwa lefatshe lo tlaa tlotlomala lo ntlafalela ba ba falotseng ba Iseraele.
3Go tlaa dirala go re yo o tlogetsweng mo Sione le yo o setseng mo Jerusalema o tlaa bidiwa boitshepo, e bong mongwe le mongwe yo o kwaletsweng botshelo mo Jerusalema.
4Motlhang o Morena o tlhatswitseng matladika a bomorwadia Sione, a gelola madi a Jerusalema mo gare ga one, ka mowa wa tshekiso, le ka mowa wa phiso.
5Mme Jehofa o tlaa tlhola leru le mosi go nna mo godimo ga bonno jotlhe jwa thaba ya Sione, le godimo ga diphuthego tsa one mo motshegareng, le go phatsima ga molelo o o tutumang bosigo; gonne mo godimo ga kgalalelo yotlhe go tlaa tsharololelwa logogo lo lo sirang.
6Go tlaa nna loobo lwa moriti mo motshegareng go sira mogote, le go nna botshabelo mo matsubutsubung le mo puleng.