Tswana 1992 Bible - 13 verses
1“Heelang! Mongwe le mongwe yo o nang le lenyora, tlang metsing a mantsi, le yo o se nang madi; tlang lo reke, lo je. Ee, tlang lo reke bojalwa jwa mofine le maši, go sa lopiwe madi, go se na tuelo.
2Ana lo ntsheletsang se e seng dijo madi? Le tuelo ya mofufutso wa lona, lo e ntsheletsang se se sa yeng le pelo? Ntheetsang thata, mme lo je se se molemo, mme a mowa wa lona o itumele ka mo go nonneng.
3Sekegang tsebe ya lona, lo tle mo go nna; utlwang, mme mowa wa lona o tlaa tshela; mme ke tlaa golagana le lona ka kgolagano e e sa khutleng, e bong mautlwelobotlhoko a a tlhomameng a ga Dafite.
4Bona, ke mo ntshitse gore a nne mosupi mo ditšhabeng, gore a nne mogogi le molaodi mo ditšhabeng.
5Bona, o tlaa bitsa morafe o o sa o itseng, le morafe o o neng o sa go itse o tlaa tshologela kwa go wena, ka ntlha ya ga Jehofa, Modimo wa gago, le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele, gonne o go galaleditse.
6“Batlang Jehofa a sa ntse a ka bonwa; mmitseng a sa ntse a le gaufi.
7A moikepi a latlhe tsela ya gagwe, le motho yo o sa siamang kgopolo tsa gagwe; a a boele kwa go Jehofa, mme o tlaa mo utlwela botlhoko; le kwa Modimong wa rona, gonne o tlaa itshwarela ka botlalo.
8Gonne megopolo ya me ga se megopolo ya lona; le gone mekgwa ya lona ga se mekgwa ya me, go bua Jehofa.
9Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lefatshe, jalo mekgwa ya me e kwa godimo bogolo go mekgwa ya lona, le megopolo ya me bogolo go megopolo ya lona.
10“Gonne jaaka pula e tle e ne, e tswa legodimong, le kapoko, mme di sa boele gone, mme di kolobise lefatshe, di le tlhogise, di le kukuntse, mme le neye mojadi peo, le moji dijo;
11lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.
12“Gonne lo tlaa tswa ka boitumelo lo tlaa ntshiwa lo gogwa ka kagiso; dithaba di tlaa ponyega ka kopelo, le makhubu fa pele ga lona, le ditlhare tsotlhe tsa naga di tlaa opa diatla.
13Mo boemong jwa setlhare se se mitlwa go tlaa tlhoga morukuru; le mo boemong jwa mmabi go tlaa tlhoga setlhare sa bolao; mme e tlaa bo e le ga Jehofa, go nna leina le sesupo se se sa khutleng, se se se ketlang se kgaolwa.”