Tswana 1992 Bible - 13 verses
1E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele.
2Fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe: mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sefatlhogo, ka di le pedi a ipipa dinao, mme di le pedi a fofa ka tsone.
3Ba goalana ba re: βGo boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.β
4Metheo ya direpudi ya tsikinngwa ke lentswe la yo o goang, mme mosi wa tlala ka ntlo.
5Foo ka bua, ka re: βIja! Nna wee! Gonne ke latlhegile; ka ke le motho yo ke dipounama di leswe, ke bile ke agile fa gare ga batho ba ba dipounama di leswe; gonne matlho a me a bonye Kgosi, Jehofa wa masomosomo.β
6Foo mongwe wa boserafe a fofela kwa go nna, a tshotse legala le le molelo ka seatla, le o le ogotseng ka lotlawa mo sebesong.
7A ama molomo wa me ka lone, a re: βBona! Lone le, le amile dipounama tsa gago; boikepo jwa gago bo tlositswe, le boleo jwa gago bo tlhatswitswe.β
8Mme ka utlwa lentswe la Morena, le re: βKe tlaa roma mang? E mang yo o tlaa re elang?β Foo ga bua nna, ka re: βKe fano, roma nna.β
9Ene a re: βYa o reye tshaba e, o re: βGo utlwa lo a utlwa, mme lo bo lo sa tlhaloganye; go bona lo a bona, mme lo bo lo sa lemoge.β
10Nontsha pelo ya batho ba, o bo o ketefatse ditsebe tsa bone, o budulatse le matlho a bone, gore e se re kgotsa ba bona ka matlho a bone, le go utlwa ka ditsebe tsa bone, le go tlhaloganya ka pelo tsa bone, mme ba bowa ba fodisiwa.β
11Foo ka bua, ka re: βKa lobaka lo lo kaye, Morena?β Mme a fetola, a re: βKe go tle go tsamaye metse e kgakgabale fela e tlhoke monni, le matlo a tlhoke motho, le lefatshe le gokgolelwe fela,
12le Jehofa a tloseditse batho kwa kgakala, le marope a nne mantsi mo gare ga lefatshe.
13E tlaa re fa go setse kabelo ya lesome mo go lone, le tlaa nna le jewa fela: jaaka moumo, le jaaka mooka, a e a reng le fa a remilwe go bo go sale thito.β Jalo peo e e boitshepo ke thito ya lone.