Tswana 1992 Bible - 25 verses
1Utlwang lefoko le Jehofa o le buang le lona, lona ba ntlo ya Iseraele.
2Jehofa o bua jaana, a re: âLo se ka lwa ithuta mokgwa wa merafe, lo se ka lwa tseanngwa ke ditshupo tsa legodimo; gonne merafe e tseanngwa ke tsone.
3Gonne ditemalo tsa ditšhaba ke boithamako; gonne mongwe o tle a reme setlhare mo sekgweng, e le tiro ya diatla tsa yo o remang ka selepe.
4Ba se kgabise ka selefera le ka gouta; ba se kokotele ka dimapo le ka dinoto, gore se se ka sa tsikinyega.
5Di ntse jaaka setlhare sa mokolane, e le tsa tiro ya moseto, mme ga di bue; di na le go rwalwa fela, ka di retelelwa ke go tsamaya. Lo se ka lwa di boifa, gonne ga di na thata ya go dira bosula, mme ga goyo mo go tsone go dira molemo.â
6Ga go na ope yo o tshwanang nao, Jehofa; o mogolo, mme leina la gago le legolo mo nonofong.
7E mang yo o se ketlang a go boifa, wena Kgosi ya merafe? Gonne ke mo go go tshwanetseng, gonne mo matlhaleng otlhe a merafe, le mo boemong jotlhe jwa bone jwa segosi, ga go na ope yo o tshwanang nao.
8Ba sefolofolo fela le boeleele mmogo; ke thuto ya medimo ya disetwa, logong fela.
9Go na le selefera se se papetlilweng dimatlana, se se leriweng kwa Tarešiše, le gouta e e tswang Ufase, tiro ya modiri yo o maano, le ya diatla tsa mothudi wa gouta; bobududu le bohibidu jo bo mokgona, gore e nne diaparo tsa yone; tsotlhe ke tiro ya batho ba ba ditsetseneko.
10Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri; ke ene Modimo o o tshedileng, le Kgosi e e sa khutleng; lefatshe le roroma ka tšararego ya gagwe, le merafe ga e a nonofa go itshokela kgakalo ya gagwe.
11Lo tlaa bua nabo jaana, lo re: âMedimo e e se kang ya dira magodimo le lefatshe, eo e tlaa nyelela mo lefatsheng, e ba e tswa fa tlase ga legodimo.â
12One o dirile lefatshe ka nonofo ya one, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa one, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya one.
13E a re o ntsha lentswe la one go nne kgwaso ya metsi kwa magodimong, o tlhatlose mouwane kwa dikhutlong tsa lefatshe; o direle pula dikgadima, mme o ntshe phefo mo mabolokelong a one.
14Motho mongwe le mongwe o fetogile sefolofolo, mme a se na kitso; mothudi wa gouta mongwe le mongwe o tlhabisiwa ditlhong ke setshwantsho sa gagwe se se setilweng; gonne setshwantsho sa gagwe se se thetsweng ke maaka, go bile go se na mowa mo go tsone.
15Di boithamako, ke tiro ya phoro; mo motlheng wa tshekiso ya tsone di tlaa nyelela.
16Kabelo ya ga Jakobe ga e a nna jaaka tseo; gonne one ke Mmopi wa dilo tsotlhe; mme Iseraele ke lotso lwa boswa jwa gagwe: Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe.
17Phutha mekgweleo ya gago o e ntshe mo lefatsheng, wena yo o ntseng mo lefatsheng le le tlhaselwang.
18Gonne go bua jaana Jehofa, a re: âBonang, ke tlaa konopela koo banni ba lefatshe ka motsekedi ka lobaka lono, ke tlaa ba pitlaganya gore ba tle ba go utlwe.â
19A bo go latlhega nna ka thobego ya me! Ntho ya me e botlhoko, mme ke rile: âRuri jo ke jone bolwetse jwa me, mme ke na le go bo itshokela fela.â
20Mogope wa me o thopilwe, megala ya me e kgaotswe yotlhe fela: Bana ba me ba dule mo go nna ba ile, mme ga bayo; ga go tlhole go na le ope yo o tsharololang mogope wa me, le fa e le go pega dilepelelo tsa me.
21Gonne badisa ba folofetse, ga ba a botsa mo go Jehofa; ke gone ka moo ba sa boneng go segofala, le matsomane a bone a faletse otlhe fela.
22Kutlwalo ya tumedi, bonang, e e tla, le phuduego e kgolo e e tswang lefatsheng la botsheka, e a go tla go dira metse ya Juta tshwafalo le boago jwa diphokoje.
23Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.
24Jehofa, a ko o nkotlhae, mme ka tekatekanyo; e seng mo bogaleng jwa gago, ka o ka tla wa ntimeletsa ruri.
25Ditšhaba tse di sa go itseng o goromeletse tšararego ya gago mo go tsone, le mo ditshikeng tse di sa bitseng leina la gago; gonne di jele Jakobe, ee, di mo jele di mo supuditse, di kgakgabaditse bonno jwa gagwe.