Tswana 1992 Bible - 21 verses
1Foo Jehofa a nthaya, a re: “Le fa bo Moše le Samuele ba ka bo ba eme fa pele ga me, le fa go ntse jalo pelo ya me e ne e sa kake ya nna le batho ba; ba ole mo ponong ya me, ba tswe ba ye koo.
2Go tlaa dirala go re, e tlaa re ba go raya ba re: ‘Re tlaa tswela kae?’ Foo o ba bolelele, o re: Go bua jaana Jehofa, a re: “ ‘Ba ba laoletsweng loso, ba ye losong; ba ba laoletsweng tšhaka, ba ye tšhakeng; le ba ba laoletsweng moswele ba ye mosweleng; le ba ba laoletsweng botshwaro ba ye botshwarong.’
3“Ke tlaa ba laolela dilo tse di mehuta mene,” go bua Jehofa; “tšhaka go bolaya, dintša go gagola, dinonyane tsa legodimo, le dibatana tsa lefatshe, go suputsa le go senya.
4Ke tlaa ba akgaakgela mo magosing otlhe a lefatshe, ka ntlha ya ga Manase morwa Hesekia kgosi ya Juta, ka ntlha ya se o se dirileng mo Jerusalema.
5“Gonne e mang yo o tlaa go tlhomogelang pelo, wena Jerusalema? Kgotsa e mang yo o tlaa go tukuthelang tlhogo? Kgotsa e mang yo o tlaa fapogang a ya go botsa ka fa o ntseng ka teng?
6O nkganne, go bua Jehofa, o boetse kwa morago, ke gone ka moo ke go otlololetseng seatla sa me, mme ka go senya; mme ke lapile ka go nna ke ikwatlhaya.
7Ke ba olositse ka seoloso mo dikgorong tsa lefatshe; ke ba thukhuthile bana, ke sentse batho ba me; ga ba a boa mo ditseleng tsa bone.
8Basadi ba bone ba batlholagadi ba intsifaletse go feta mošawa wa mawatle; ke lerile mo go bone mothopi go le motshegare go tla a bolaya mma makau: ke digetse tlalelo e e mahehe le ditheregiso mo go ene ka tshoganetso.
9Yo o tsetseng bana basupa o a tapetega, o dule mowa; letsatsi la gagwe le kotlometse go sa ntse go le motshegare; o ntse a tlhajwa ke ditlhong a sosobagana; masalela a bone ke tlaa a neela tšhaka fa pele ga baba ba bone,” go bua Jehofa.
10Ija! Mma we! Ka e le fa o ntsetse ke le motho wa komang le kgang le lefatshe lotlhe! Ga ke a adima ope ka go lopa koketso, le nna batho ga ba a nkadima ka go ntopa koketso; le fa go ntse jalo mongwe le mongwe wa bone o a mphutsa.
11Jehofa a re: “Ruri ke tlaa go thatafatsa gore o bone molemo; ruri ke tlaa dira gore mmaba a go rapele ka thata mo motlheng wa bosula, le mo motlheng wa patikego.”
12A mongwe o ka roba tshipi, e bong tshipi e e tswang ntlheng ya botsheka, le kgotlho?
13“Thoto ya gago le dikhumo tsa gago ke tlaa di ntsha thopo fela di sa rekwe, mme e be e le ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa gago, e bong mo melelwaneng yotlhe ya gago.
14Ke tlaa di fetisa le baba ba gago di ya kwa lefatsheng le o sa le itseng; gonne go gotsitswe molelo mo bogaleng jwa me, o o tlaa fisang mo go lona.”
15Jehofa, o a itse; o nkgopole, o ntekole, mme o ntefetse mo babogising ba me; o se ka wa ntlosa ka bopelotelele jwa gago; o itse fa ke bonye go kgojwa ka leina la gago.
16Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ka a ja; mafoko a gago a ne a le boitumelo mo go nna, le boipelo jwa pelo ya me; gonne ke bidiwa ka leina la gago, Jehofa Modimo wa masomosomo.
17Ga ke a ka ka dula mo phuthegong ya bone ba ba dirang mokete, ga ke a ka ka duduetsa; ka dula ke le nosi ka ntlha ya seatla sa gago; gonne o ntladitse ka tšhakgalo.
18Ana go ntse jang botlhoko jwa me bo nnetse ruri, le ntho ya me e le e e sa foleng, e e ganang go fodisiwa? A ruri o tlaa nna mo go nna jaaka nokana e e tsietsang, jaaka metsi a a sa tlhomamang?
19Ke gone Jehofa o bua jaana, a re: “Fa o boa, foo ke tlaa ba ke go tlisa gape, gore o tle o eme fa pele ga me; fa o lomolola se se tlhokegang mo go se se bosula, o tlaa nna jaaka molomo wa me; ba tlaa boela mo go wena, mme wena ga o ketla o boela kwa go bone.
20Ke tlaa go dira go nna lorako lwa kgotlho lo lo thekeleditsweng kemalanong le batho ba; ba tlaa tlhabana nao, mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao go go boloka le go go golola,” go bua Jehofa.
21“Ke tlaa go golola mo seatleng sa baikepi, ke ba ke go rekolola mo seatleng sa ba ba boitshegang.”