Tswana 1992 Bible - 30 verses
1Jehofa o bua jaana, a re: “Ya kwa ntlong ya kgosi ya Juta, mme o bue teng lefoko le, o re:
2‘Utlwa lefoko la ga Jehofa, wena kgosi ya Juta, yo o dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, wena, le batlhanka ba gago, le batho ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse.
3Jehofa o bua jaana, a re: Dirafatsang tshiamiso le tshiamo, lo golole ba ba thopilweng mo seatleng sa mopatiki; se direng tshiamololo epe, se senyetseng moeng, le fa e le lesiela, le fa e le mosadi wa motlholagadi, le gone se tshololeleng madi a a se nang molato mo felong fa.
4Gonne fa ruri lo dira selo se, foo go tlaa tsena ka dikgoro tsa ntlo e, dikgosi tse di dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, di palame mo dikareng, le mo dipitseng, yone le batlhanka ba yone le batho ba yone.
5Mme fa lo gana go utlwa mafoko a, ke ikana ka nna ka nosi, go bua Jehofa, ka re: Ntlo e e tlaa nna tshwafalo fela.’ ”
6Gonne Jehofa o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta, a re: “O Gileate mo go nna, le tlhogo ya Lebanone; le fa go ntse jalo ruri ke tlaa go ntsha naga fela, le metse e e sa nnweng.
7Ke tlaa go baakanyetsa basenyi, mongwe le mongwe a na le dibolao tsa gagwe; mme ba tlaa rema masetara a gago a a tlhophegileng, ba a latlhela mo molelong.
8“Merafe e le mentsi e tlaa feta ka motse o, mongwe le mongwe o tlaa raya yo o bapileng nae, a re: ‘Ana Jehofa o diretse motse o mogolo o jaana ka ntlha yang?’
9Foo ba tlaa fetola, ba re: ‘Ke ka gonne ba latlhile kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ”
10Se seleleng moswi, le fa e le go mo thukhuthela tlhogo; mme yo o tsamaelang koo lo mo lelele thata; ka a se ketla a tlhola a boa, le fa e le go bona lefatshe la ga gabo.
11Gonne Jehofa o bua jaana ka ga Shalume morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busitseng mo boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o ne a tswa mo felong fa: “Ga a ketla a tlhola a boela teng gope.
12Mo felong kwa ba mo isitseng a le setshwarwa teng, o tlaa swela teng, mme ga a ketla a tlhola a bona lefatshe le gope.”
13A bo go latlhega motho yo o agang ntlo ya gagwe ka tshiamololo, le matlwana a gagwe ka patiko, yo o dirisang wa ga gabo ka go mo tlhokisa maduo, a sa mo neye tuelo ya tiro ya gagwe;
14yo o reng: “Ke tlaa ikagela ntlo e e atlhameng, le matlwana a kgatshimolo,” mme a iphunyetse diipone; e khurumediwe kwa godimo ka masetara, e be e tshasiwe bohibidu jo bontle.
15A o tlaa busa ka go bo o leka thata go gaisa ba bangwe ka masetara? A rraago o ne a se ka a ja, a nwa, a ba a dira katlholo le tshiamiso, foo ga nna molemo mo go ene?
16O ne a atlhola mafoko a bahumanegi le batlhoki; foo ga nna molemo. A e ne e se gone go nkitse? Go bua Jehofa.
17Matlho a gago ga a ope, le pelo ya gago ga e gope, fa e se mo papading e e sa siamang, le mo go tshololeng madi a a se nang molato, le mo patikong, le mo go thubakeng, go go dira.
18Ke gone ka moo Jehofa o bua jaana ka ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta, a re: “Ga ba ketla ba mo hutsafalela, ba re: “ ‘Jo we, ngwana a rre!’ Kgotsa: ‘Jo we, kgaitsadiake!’ Ga ba ketla ba mo hutsafalela, ba re: ‘Jo we, morena!’ Kgotsa: ‘Jo we, kgalalelo ya gagwe!’
19O tlaa fitlhwa wa phitlho ya esela, a gogwa a ya go latlhelwa kwa ntle ga dikgoro tsa Jerusalema.”
20“Tlhatlogela kwa Lebanone, o tlhomeletse; o tsholeletse lentswe la gago mo Bašane; o tlhomeletse o le mo Abarime; gonne dinyatsi tsotlhe tsa gago di sentswe.
21Ka bua nao mo motlheng wa go segofala ga gago; mme wa re: ‘Ga nketla ke utlwa.’ E ne e ntse e le one mokgwa wa gago e sa le mo borobeng jwa gago, go re, ga o ko o utlwa lentswe la me.
22Phefo e tlaa ja badisa botlhe ba gago, dinyatsi tsa gago di tlaa ya botshwarong; ruri ka lobaka loo o tlaa bo o tlhajwa ke ditlhong, o sosobagana ka ntlha ya boikepo jotlhe jwa gago.
23Wena monni wa Lebonone, yo o agang setlahaga sa gago mo masetareng, ana o tlaa bo o tlhomola pelo jang mogang o go inganga go tlang mo go wena, e bong botlhoko jaaka jwa mosadi yo o mo pelegong.”
24“Jaaka ke tshedile,” go bua Jehofa, “le fa Konia morwa Jehoiakime kgosi ya Juta, e ka bo e le sekanelo mo atleng sa me se segolo, le fa go ntse jalo ke ne ke tlaa go somola gone fela;
25ke tlaa go tsenya mo seatleng sa ba ba batlang botshelo jwa gago, le mo seatleng sa ba o ba boifang, e bong mo seatleng sa ga Nebukateresare kgosi ya Babilone, le mo seatleng sa Bakalatea.
26Ke tlaa go latlhela kwa ntle, le mmaago yo o go belegeng, kwa lefatsheng le sele, kwa lo sa tsalelwang teng; mme lo tlaa swela teng.
27Kwa lefatsheng le mowa wa bone o tlhologeletsweng go boela kwa go lone, ga ba ketla ba boela teng.”
28Monna yo Konia, a o pitsana e e thubegileng e e nyatsegang? A o pitsana e e sa kgatlheng gope? Ke ka ntlha yang fa ba latlhelwa kwa ntle, ene le losika lwa gagwe, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng?
29Wena lefatshe, lefatshe, lefatshe! Utlwa lefoko la ga Jehofa.
30Jehofa o bua jaana, a re: “Kwalang monna yo, go re ga a na ngwana, e le monna yo o se ketlang a tlhogonolofala mo metlheng ya gagwe; gonne ga go na ope wa losika lwa gagwe yo o tlaa tlhogonolofalang, a dula mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, mme a tlhola a busa gope mo Juta.”