Tswana 1992 Bible - 31 verses
1âFa o tlaa boa, wena Iseraele,â go bua Jehofa, âo tlaa boela mo go nna; mme fa o ka tlosa makgapha a gago fa pele ga me, foo ga o ketla o tlosiwa;
2o tlaa ikana, o re: âJaaka Jehofa a tshedile,â mo boammaaruring, mo tshiamisong le mo tshiamong; mme merafe e tlaa itshegofatsa, mo go ene, e tlaa ikgantsha ka ene.â
3Gonne Jehofa o bua jaana le banna ba Juta le Jerusalema, a re: âLemang lefatshe la lona thobu, mme lo se ka lwa jala mo mitlweng.
4Ithupisetseng Jehofa, lo tlose bokgola ja pelo tsa lona, lona banna ba Juta le banni ba Jerusalema; tÅ¡arafalo ya me e ka tla ya tswa jaaka molelo, ya tuka mo go sa kakeng ga tingwa ke ope, ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona.â
5Bolelang mo Juta, lo itsise mo Jerusalema; lo re: âLetsang lonaka mo lefatsheng; opang mokgosi thata, lo re: âPhuthegang, a re tseneng mo metseng e e thekeleditsweng.â
6Tlhomang mokgele o lebe kwa Sione; tshabang, se diegeng, gonne ke tlaa lere bosula bo tswa ntlheng ya botsheka, le tshenyo e kgolo.â
7Tau e tlhatlogile mo setswatsweng sa yone, le mosenyi wa merafe; o mo tseleng, o dule mo felong ga gagwe, go tla go swafatsa lefatshe la gago gore metse ya gago e tle e gokgolelwe e se na monni.
8Ka ntlha ya moo lo itlamelele ka letsela la kgetse, lo hutsafale, lo bokolele; gonne bogale jo bo fisang jwa ga Jehofa ga bo a boa mo go rona.
9âMme go tlaa dirala mo motlheng oo,â go bua Jehofa, âgo re pelo ya kgosi e tlaa rema, le pelo ya dikgosana; le baperesiti ba tlaa ja kgakge, le baperofeti ba tlaa gakgamala.â
10Foo ka re: âAo, Jehofa Modimo! Ruri o a bo o tsieditse tÅ¡haba e thata, le Jerusalema, wa re: âLo tlaa bona kagisoâ; etswa tÅ¡haka e tsenetse mo moweng.â
11E tlaa re mo motlheng oo go tlaa rewa tÅ¡haba e, le ba Jerusalema, go twe: âPhefo e e molelo e e tswang kwa dithoteng tse di loforotlho kwa bogareng ga naga e tlaa e lebile morwadia batho ba me, e seng go olosa le fa e le go ntlafatsa;
12phefo e e thata e e tswang kwa go tseo e tlaa tla ka ga me; jaanong le gone ke tlaa bua ditshekiso ka ga bone.â
13Bonang o tlaa nyeloga jaaka maru, dikara tsa gagwe di tlaa nna jaaka setsuatsue; dipitse tsa gagwe di fefoga bogolo go bontswi, Ija! A bo re latlhegile, gonne re thopilwe!
14Jerusalema, tlhapisa pelo ya gago boikepo, gore o tle o bolokwe. Ana megopolo ya gago e e bosula e tla tlhola nao ka lobaka lo lo kaye?
15Gonne lentswe lengwe le bolela kwa ntlheng ya Dane, le kakanya bosula ntlheng ya makhujana a Eferaime.
16Lomang merafe tsebe; bonang, kakanyang ka ga Jerusalema, lo re: âDitlhola di tswa lefatsheng le le kgakala, di opela metse ya Juta mokgosi.
17Jaaka baleti ba tshimo ba o dikile; ka a ne a ntse a ntsuololela;â go bua Jehofa.
18âMokgwa wa gago le ditiro tsa gago di go lereditse dilo tse; jo ke jone boikepo jwa gago; gonne bo bogalaka, ka go bo bo tsenela mo pelong ya gago.â
19Mala a me we, mala a me we! Ke botlhoko le mo pelong ya me tota; pelo ya me e tlhobaela mo teng ga me; ke retelelwa ke go didimala; gonne wena mowa wa me, o utlwile modumo wa lonaka, le tshoso mokgosi wa dira.
20Go kuiwa tshenyego mo tshenyegong; gonne lefatshe lotlhe le thopilwe; megope ya me e thopilwe ka tshoganetso, matsela a dilepelelo a me ka ponyo ya leitlho.
21Ke tlaa bona mokgele ka lobaka lo lo kaye, ke ba ke utlwa modumo wa lonaka?
22âGonne batho ba me ba boeleele, ga ba nkitse; ke bana ba sekamatagwa, ga ba na tlhaloganyo epe; ba botlhale go dira bosula, mme ga ba na kitso ya go dira molemo.â
23Ka leba lefatshe, mme bonang, la bo le tobekanye fela le sa itsege sepe; le magodimo, mme a ne a se na lesedi.
24Ka leba dithaba, mme bonang, tsa bo di roroma, le makhubu otlhe a golorela kwa le kwa.
25Ka leba, mme bonang, ga bo go se na motho, le dinonyane tsotlhe tsa loapi di ne di tshabile.
26Ka leba, mme bonang, leota le le emang loungo le ne le le naga fela, mme metse yotlhe ya teng e ne e rutlologile ka sebonalo sa ga Jehofa, le fa pele ga bogale jwa gagwe jo bo tukang.
27Gonne go bua jaana Jehofa, a re: âLefatshe lotlhe le tlaa nna tshwafalo; le fa go ntse jalo ga nketla ke nyeleletsa ruri.
28Lefatshe le tlaa hutsafalela moo, le magodimo kwa godimo a tlaa nna mantsho; ka go bo ke se buile, ke se ikaeletse, mme ga ke a ikwatlhaya, le gone ga nketla ke boa mo go sone.â
29Motse otlhe o tshaba ka modumo wa bapalama dipitse, le wa bahudi ka bora; ba tsena mo ditswatsweng, ba palamela mo mafikeng; motse mongwe le mongwe o tlogetswe fela, mme ga go na motho yo o nnang mo go one.
30Wena o tlaa re o thopilwe, o tlaa dirang? Le fa o ka ikapesa ka bohibidu jo bo letlhololo, le fa o ka ikgabisa ka mekgabo ya gouta, le fa o ka itshasa matlho go a dira makalaba, wa bo o itirela bontle lefela fela; dinyatsi tsa gago di a go nyatsa, di senka botshelo jwa gago.
31Gonne ke utlwile lentswe jaaka e kete la mosadi a le mo pelegong, tlalelo e e mahehe e kete ya mongwe yo e leng gone o bonang ngwana wa ntlha, lentswe la morwadia Sione, a hupetse mowa, mme a ntsha diatla, a re: âJo we! Gonne mowa wa me o idibala fa pele ga babolai.â