Tswana 1992 Bible - 46 verses
1Lefoko le Jehofa o le buileng ka ga Babilone, ka ga lefatshe la Bakalatea, ka Jeremia moperofeti.
2âBolelang mo merafeng lo kakanye, mme lo tlhome mokgele; kakanyang, lo se ka lwa loba; lo re: âBabilone o gapilwe, Bele o tlhabisitswe ditlhong, Merotake o thubagantswe; ditshwantsho tsa gagwe di tlhabisitswe ditlhong, medimo ya gagwe ya disetwa e thubagantswe.â
3âGonne go tla morafe o o tswang ntlheng ya botsheka, o tla go mo tlhasela, o o tlaa swafatsang lefatshe la gagwe, mme ga go ketla go aga ope mo go lone; ba tshabile, ba ile, motho le kgomo.
4âE tlaa re mo metlheng eo, le ka lobaka loo,â go bua Jehofa, âbana ba Iseraele ba tlaa tla, bone le bana ba Juta mmogo; ba tlaa etla ba lela, mme ba tlaa batla Jehofa Modimo wa bone.
5Ba tlaa botsa ka ga Sione ba lebile teng, ba re: âTlang, lo ikopanye le Jehofa ka kgolagano e e sa khutleng, e e se ketlang e lebalwa.â
6âBatho ba me e ntse e le dinku tse di timetseng; badisa ba bone ba ba timeditse, ba ba faposeditse mo dithabeng; ba tlhomagantse thaba le thotana, ba lebetse sebothelo sa bone.
7Botlhe ba ba ba fitlhetseng ba ba supuditse; mme baba ba bone ba rile: âGa re na molato, ka ba leofetse Jehofa, tsholofelo ya borraabo.â
8âKudubitlegang lo tswe mo gare ga Babilone, lo tswe mo lefatsheng la Bakalatea, mme lo nne jaaka diphoko fa pele ga matsomane.
9Gonne, bonang, ke tlaa tsosetsa ke ba ke tlhatlosetsa kwa Babilone kokwano ya merafe e megolo e tswa lefatsheng la botsheka; mme ba tlaa mo ikabela; mme a le foo o tlaa gapiwa; metswi ya bone e tlaa nna jaaka ya seganka se se setswerere; ga go ketla go boa ope ka lefela.
10Lefatshe la Kalatea le tlaa nna thopo; botlhe ba ba le thopang ba tlaa kgora.â Go bua Jehofa.
11âE re ka lo ipela, ka lo itumela, lona ba lo thopang boswa jwa me, ka lo lealeega jaaka kgomo ya moroba e e gatang mabele, mme lo kgwankgwanyega jaaka dipitse tse di nonofileng;
12mmaeno o tlaa tlhajwa ke ditlhong thata; yo o lo belegeng o tlaa sosobagana; bona, o tlaa nna wa moragorago wa merafe, o tlaa nna naga fela, le lefatshe la lokgere, le sekaka.
13Ka ntlha ya botšarara jwa ga Jehofa ga o ketla o nnwa, mme o tlaa swafala gotlhe fela; mongwe le mongwe yo o tlaa fetang ka Babilone o tlaa gakgamala, mme o tlaa otsetsa dipetso tsotlhe tsa gagwe.
14âIkabeleng Babilone mo tikologong, lona lotlhe ba lo laelang bora; mo huleng, se rekegeleng metswi; gonne o leofetse Jehofa.
15O goeleleng mo tikologong; o inetse; dikago tsa one tsa phemelo di ole, dithako tsa one di digilwe; gonne ke pusoloso ya ga Jehofa; ipusolosetse mo go ene; jaaka a dirile, mo direleng jalo.
16Kgaolang mojadi mo Babilone, le ene yo o tshwarang thipa ya mabele mo lobakeng lwa go roba; mongwe le mongwe o tlaa retologela kwa bathong ba ga gabo ka ntlha ya poifo ya tšhaka e e patikang, mongwe le mongwe o tlaa tshabela kwa lefatsheng la ga gabo.
17âIseraele ke nku e e phalogileng; ditau di mo lelekile; ga ntlha kgosi ya Babilone e mo supuditse; ga bofelo Nebukatenesare kgosi ya Babilone o robile marapo a gagwe.â
18Ke gone ka moo Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: âBonang ke tlaa betsa kgosi ya Babilone le lefatshe la yone, jaaka ke beditse kgosi ya Asiria.
19Ke tlaa ba ke busetsa Iseraele kwa mafulong a gagwe, mme o tlaa fula mo Karemele, le mo Bašane; mowa wa gagwe o tlaa kgora mo makgabaneng a Eferaime le mo Gileate.
20Mo metlheng eo, le ka lobaka loo,â go bua Jehofa, âboikepo jwa Iseraele bo tlaa batlwa, mme go tlaa bo go sena bope; le maleo a Juta, mme ga a ketla a fitlhelwa, gonne ke tlaa itshwarela bone ba ke ba sadisang e le masalela.
21âBololelang lefatshe la Merathaime, ke go re, go le tlhasela, le go tlhasela banni ba Pekote; bolayang, lo senyetse ruri morago ga bone,â go bua Jehofa, âmme lo dire ka fa go tsotlhe tse ke di go laoletseng.
22Go na le modumo wa tlhabano mo lefatsheng, le wa tshenyo e kgolo.
23Ana noto ya lefatshe lotlhe e phatlogile jang ka bogare, e thubegile jang! Ana Babilone o swafetse mo merafeng jang!
24Ke go beetse seru, o bile o tshwerwe, wena Babilone, mme o ne o sa itse; o bonywe, o bile o tshwerwe, ka o ganetse le Jehofa.
25Jehofa o budile ntlo ya gagwe ya dibolao, tsa tšhakgalo ya gagwe; gonne Jehofa, Modimo wa masomosomo o na le tiro e o e dirang mo lefatsheng la Bakalatea.
26Tswang kwa bokhutlong jwa lefatshe lo mmololele, lo bule matlo a gagwe a a bolokelang; lo mo ribegetse a nne mekoakoa, fela lo mo senyetse ruri; go se ka ga sala sepe sa gagwe.
27Bolayang dipholo tsa gagwe tsotlhe, a di ye tlhabong; a bo baa latlhega! Gonne motlha wa bone o tsile, motlha wa tshekiso ya bone.
28âA lentswe la ba ba tshabang ba falola ba tswa lefatsheng la Babilone, ba ya go bolela mo Sione pusoloso ya ga Jehofa Modimo wa rona, pusoloso ya tempele ya gagwe.
29âPhuthang bahudi ka bora ba tle go tlhasela Babilone, botlhe ba ba itseng go laela bora; mo tlhaoleleleng lo mo dike tikologong; a go se falole ope wa gone; mo dueleng ka fa tirong ya gagwe; ka fa go tsotlhe tse o di dirileng, mo direleng jalo, gonne o na a ntse a le boikgodiso fa pele ga Jehofa, fa pele ga Moitshepi wa Iseraele.
30Ke gone ka moo makau a gagwe a tlaa welang mo mebileng ya gagwe, le batlhabani ba gagwe botlhe ba tla tuuladiwa ka tsatsi leo,â go bua Jehofa.
31âBona, ke emalanye nao, wena mokaka,â go bua Jehofa, Morena wa masomosomo; âgonne motlha wa gago o tsile, motlha o ke tlaa go sekisang ka one.
32Mokaka o tlaa kgopiwa a wa, mme ga go na ope yo o tlaa mo kakatlololang; ke tlaa tshuba molelo mo metseng ya gagwe, mme o tlaa laila botlhe ba ba mo tikologong ya gagwe.â
33Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: âBana ba Iseraele le bana ba Juta ba bogisiwa mmogo; mme botlhe ba ba ba isitseng botshwarong ba ba tshwere thata, ba gana go ba rebola.
34Morekolodi wa bone o thata; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; o tlaa ba emelela ruri mo tshekong, gore a tle a neye lefatshe boikhutso, mme a iketlolole banni ba Babilone.
35âGo tÅ¡haka mo go Bakalatea,â go bua Jehofa, âle mo banning ba Babilone, le mo dikgosaneng tsa gagwe, le mo matlhaleng a gagwe.
36Go tšhaka mo babelafading, mme ba tlaa fela tlhaloganyo; go tšhaka mo dikgankeng tsa gagwe, mme ba tlaa tseana.
37Go tšhaka mo dipitseng tsa bone, le mo dikareng tsa bone, le mo bathong botlhe ba ba tlhakanyeng ba ba mo gare ga gagwe, mme ba tlaa nna jaaka basadi; go tšhaka mo mahumong a gagwe, mme a tlaa utswiwa.
38Go leuba mo dinokeng tsa gagwe, mme di tlaa tšha; gonne ke lefatshe la ditshwantsho tse di setilweng, mme ba a tsenwa ka ga medimo ya disetwa.
39âKe gone ka moo dibatana tsa naga di na le diphiri di tlaa nna teng, le bontÅ¡he ba tlaa nna teng; mme ga a ketla a tlhola a nnwa ka bosakhutleng; mme ga go ketla go aga motho teng go ya tshikatshikeng.
40Jaaka Modimo o ne o kile wa ribegetsa Sotoma le Gomora, le metse e e neng e bapile nayo, go bua Jehofa; jalo fela ga go ketla go nna motho ope teng, mme ga go ketla go tlholatlhola ope morwa motho teng.
41âBonang, go tswa tÅ¡haba kwa ntlheng ya botsheka; le morafe o mogolo, le dikgosi di le dintsi di tlaa tsosiwa kwa dikhutlong tsa lefatshe.
42Ba tshwara bora le lerumo; ba bolalome, ga ba itse go tlhomoga pelo; kodu ya bone e faologa jaaka lewatle, mme ba palame dipitse; mongwe le mongwe o go abetswe go tlhabana nao, jaaka monna mo tlhabanong, wena morwadia Babilone.
43Kgosi ya Babilone e utlwile tumedi ya bone, mme diatla tsa yone di a koafala; tlalelo e e mahehe e e tshwere, le metlotsedi e e etsang ya mosadi a le mo pelegong.
44âBonang, o tlaa tlhatloga jaaka tau e e ntshiwang ke kgogomogo ya Joretane e tla go tlhasela mo mafulong a a tlhomameng; mme ke tlaa mo e tshabisa ka tshoganetso; mme yo o itshenketsweng, ke tlaa mo neela go e laola; gonne e mang yo o tshwanang le nna? E mang yo o tlaa nkaelang motlha? Mme modisa e mang yo o tlaa emang fa pele ga me?
45Ke gone utlwang kgakololo ya ga Jehofa, e o e gakologetsweng ka ga Babilone; le maikaelelo a gagwe, a o a ikaeletseng ka ga lefatshe la Bakalatea; ruri ba tlaa ba gogela koo, e bong banyana ba letsomane; ruri o tlaa swafatsa bonno jwa bone ka ntlha ya bone.
46Lefatshe le a roroma ka modumo wa go gapiwa ga Babilone, le go goa go utlwala mo merafeng.â