Tswana 1992 Bible - 14 verses
1Gape, o tlhabeleletse dikgosana tsa Iseraele khutsafalo.
2O re: Abo mmaeno e ne e le tau e namagadi; o ne a namalala mo gare ga ditau, a godisa ditawana tsa gagwe mo gare ga madumedi.
3A godisa tawana nngwe ya gagwe; ya tswa ledumedi: la ithuta go bolaya diphologolo, la ja batho.
4Merafe le yone ya le utlwela; la tshwarwa mo lemeneng la yone, mme ba le isa lefatsheng la Egepeto ka megolasetso.
5Jaana e rile mmaeno a bona fa a sa bolo go le leta, mme tsholofelo ya gagwe e fedile, foo a tsaya tawana e nngwe ya gagwe, a e godisa ya nna ledumedi.
6La tsamayatsamaya mo ditaung, la tswa ledumedi; la ya go bolaya diphologolo, la ja batho.
7Mme la bo le itse mantlo a bone a dikgosi, mme la kgakgabatsa metse ya bone; lefatshe la swafala, le botlalo jwa lone ka ntlha ya loratla lwa go duma ga lone.
8Foo merafe ya le losa mo ntlheng tsotlhe, e tswa dikgaolong tsa lefatshe; ya le tsharololela lotloa lwa yone; la tshwarwa mo lemeneng la yone.
9Ba le tlhatlhela mo serobing ka megolasetso ba le isa kwa kgosing ya Babilone; ba le isa mo dikagong tsa phemelo, gore kodu ya lone e se tlhole e utlwala mo dithabeng tsa Iseraele.
10Mo mading a gago, mmaeno o ne a ntse jaaka mofine o o tlhomilweng fa metsing: o ne o itse go ungwa, o tletse dikala ka ntlha ya metsi a matona.
11O ne a na le matlhogela a a thata a go nna dithobane tsa bogosi tsa ba ba busang; go gola ga one go ne go fetile ga dikala tse dikima, mme a bonwa ka bogodimo jwa one mo gare ga bontsi jwa dikala tsa one.
12Wa khumolwa ka tΕ‘ararego, wa digelwa fa fatshe, mme phefo ya botlhabatsatsi ya omeletsa loungo lwa one; matlhogela a one a a thata a rojwa a swaba; molelo wa a nyeletsa.
13Gompieno o tlhomilwe mo nageng, mo lefatsheng le le omeletseng le le lenyora.
14Molelo o dule mo matlhogeleng a dikala tsa one o nyeleditse loungo lwa one, mme ga go tlhole go le mo go one letlhogela le le thata la go nna thobane ya bogosi ya go busa. Se ke khutsafalo, mme se tlaa fela e ntse e le khutsafalo fela.