Tswana 1992 Bible - 36 verses
1Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
2âLe wena, morwa motho, o tlhabeleletse Ture khutsafalelo;
3o reye Ture o re: âAo, wena yo o agileng fa botsenong jwa lewatle, yo o leng mmapadisi wa tlhwatlhwa ya ditÅ¡haba go e isa ditlhakeng di le dintsi, Morena Modimo o bua jaana, a re: Wena Ture, o rile o itekanetse mo bontleng.
4Melelwane ya gago e mo pelong ya mawatle, baagi ba gago ba itekaneditse bontle jwa gago.
5Ba dirile dimati tsotlhe tsa gago ka ditlhare tsa mafira tse di tswang kwa Senire; ba tshotse masetara kwa Lebanone go go direla dipinagare tsa mekoro.
6Ba dirile dikankase tsa gago ka dikgong tsa maoka a Bašane, ba dirile bogato jwa gago ka mokuperese o o tswang ditlhakeng tsa Kitime, bo gomilwe ka dinaka tsa tlou.
7Letsela la gago la phefo e ne e le la leloba le le boleta le le dirilweng marorodi, le tswa kwa Egepeto, gore le nne mokgele mo go wena; tse di bobududu le bohibidu jo bo mokgona tse di tswang ditlhakeng tsa Eliša e le letsela la gago la tsharologo ya moriti.
8Banni ba Sitone le Arefate e ne e le bahudui ba mekoro ya gago; matlhale a gago, wena Ture a ne a le mo go wena, e le bone basimaganyetsi ba dikepe tsa gago.
9Bagolwane ba Gebale le matlhale a teng ba ne ba le mo go wena bakani ba dikepe: dikepe tsotlhe tsa lefatshe di na le batsamaisi ba tsone di ne di le mo go wena, di tsile go ananya tlhwatlhwa ya gago.
10âBa Peresia le ba Lute le ba Pute ba ne ba le mo mephatong ya gago e le banna ba gago ba ntwa; ba ne ba pega thebe le tlhoro ya phemelo mo go wena; ba bonatsa borena jwa gago.
11Banna ba Arefate ba na le mephato ya gago ba ne ba le mo dithakong tsa gago mo ntlheng tsotlhe, le ba Gamadime ba le mo dikagong tse di godileng tsa gago tsa tlhabanelo, ba pega dithebe tsa bone mo dithakong tsa gago mo ntlheng tsotlhe; ba itekaneditse bontle jwa gago.
12âBa TareÅ¡iÅ¡e e ne e le babapaletsi ba gago ba tlhwatlhwa ka ntlha ya bontsi jwa dikhumo dingwe le dingwe; ba bapala dilo tsa gago ka selefera, le tshipi, le boleke le lotwe.
13Ba Jafane, le ba Tubale, le ba Mešeke, e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ba bapatsa batho, le dilwana tsa kgotlho, ba reka tlhwatlhwa ya gago.
14Bone ba ntlo ya Togarema ba ne ba reka dilo tsa gago ka dipitse, le dipitse tsa ntwa, le dimmoulo.
15Banna ba Detane e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ditlhake di le dintsi e ne e le marekelo a seatla sa gago. Ba ne ba go leretse dinaka tsa ditlou le ditlhare tse di logong lo lontsho go ananya ka tsone.
16Ba Siria e ne e le bareki ba dilo tsa gago ka ntlha ya bontsi jwa ditiro tsa seatla sa gago; ba reka dilo tsa gago ka diemerelete le ka bohibidu jo bo mokgona, le ka tiro ya marorodi, le ka leloba le le boleta, le ka korala, le ka majana a mahibitswana.
17Ba Juta, le ba lefatshe la Iseraele, e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ba ne ba reka tlhwatlhwa ya gago ka mabele a makhutshwane a Minithe, ka panaga, ka dinotshe, ka lookwane le ka bolao jwa baleme.
18Ba Damaseko e ne e le bareki ba gago ba tlhwatlhwa ya gago ka bontsi jwa ditiro tsa seatla sa gago, ka ntlha ya bontsi jwa dikhumo tsa mehuta yotlhe; le ka bojalwa jwa mofine jwa Helebone, le ka bobowa jo bosweu.
19Ba Fetane le ba Jafane ba ne ba reka dilo tsa gago ka lodi lwa dikhai; tshipi e e phatsimang, le ditswaiso tsa kasia, le kalamusa, e ne e le dilo tse di mo tlhwatlhweng ya gago.
20Ba Detane e ne e le batho ba ba rekalanang nao ka matsela a a dipeeletso tse di tlhokegang tsa bapalami.
21Ba Arabia, le dikgosana tsotlhe tsa Ketare e ne e le bareki ba tlhwatlhwa ya seatla sa gago; ka dikwanyana, ka diphelefu le ka diphoko, e ne e le bareki ba tlhwatlhwa ya gago ka dilo tseo.
22Bareki ba Sheba le ba Raama e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ba reka dilo tsa gago ka ditswaiso tse di tlhophegileng, ka majana a a tlhokegang otlhe le ka gouta.
23Ba Harane, le ba Kane, le ba Etene bareki ba Sheba, le ba Ašure, le ba Kilemate, e ne e le batho ba ba rekalanang nao.
24Bao e ne e le ba ba rekalanang nao ka dilo tse di tlhaolesegileng mo tlhwatlhweng ya gago, e bong dingata tse di sobokantsweng tsa bobududu, dilo tse di dirilweng marorodi, le matlole a diaparo tse di tlhokegang a bofilwe ka thodi, mme a dirilwe ka mosetare.
25Dikepe tsa TareÅ¡iÅ¡e e ne e le ditlhopha tsa ditsamaisi tsa dilo tsa gago tsa tlhwatlhwa: âMme wa tlalelediwa, wa dirwa kgalalelo e kgolo mo pelong ya mawatle.
26Bahudui ba dikepe tsa gago ba go fitlhisitse mo metsing a magolo; phefo ya botlhabatsatsi e go thubaketse mo pelong ya mawatle.
27Dikhumo tsa gago le dithoto tsa gago, le tlhwatlhwa ya gago, le batsamaisi ba dikepe tsa gago, le basimaganyetsi ba dikepe tsa gago, le bakani ba dikepe tsa gago, le baananyi ba tlhwatlhwa ya gago, le banna botlhe ba ntwa ba gago, ba ba mo go wena, ba na le lesomo lotlhe la gago le le mo gare ga gago, ba tlaa wela mo pelong ya mawatle mo motlheng wa go ropefadiwa ga gago.
28Dintlhana tsa motse di tlaa reketla ka go goa ga basimaganyetsi ba dikepe tsa gago.
29Le botlhe ba ba itseng go tshwara dikankasi, le batsamaisi ba dikepe, le basimaganyetsi ba dikepe mo lewatleng, ba tlaa fologa mo dikepeng tsa bone, ba ema fa fatshe.
30Ba tlaa utlwatsa lešalaba la bone, mo godimo ga gago, ba tlaa gala mo go botlhoko, ba tlaa ikubuela lorole mo tlhogong tsa bone, ba bidikama mo moloreng.
31Ba tlaa go itšhemolela ditlhogo, ba ikokwaela ka letsela la kgetse, ba tlaa go lelela ka bogalaka jwa mowa ka selelo se se galakang.
32Mo go goeng ga bone ba tlaa go tlhabeleletsa khutsafalo, ba tlaa go hutsafalela, ba re: âE mang yo o tshwanang le Ture, yo o tshwanang le ene yo o didimaditsweng mo pelong ya lewatle.â
33E rile dithoto tsa gago di sa tswa mo mawatleng, wa bo o ne o tlaleletsa ditšhaba di le dintsi; wa humisa dikgosi tsa lefatshe ka bontsi jwa dikhumo tsa gago, le jwa tlhwatlhwa ya gago.
34E rile mo motlheng o o thubilweng ka one ke mawatle mo matengnyeng a metsi, tlhwatlhwa ya gago, le lesomo lotlhe la gago lwa wa mo gare ga gago.
35âBanni botlhe ba ditlhake ba go gakgamaletse le dikgosi tsa bone di a boifa mo go tsitlisang marapo di tlhontse difatlhogo tsa tsone.
36Babapatsi ba ba mo ditÅ¡habeng ba go otsa; o dule theregiso, mme ga o ketla o tlhola o leyo gope.â