Tswana 1992 Bible - 17 verses
1โLe wena, morwa motho, o tseye lekote le le sematla, o le beye fa pele ga gago, mme o kwale tshawano ya motse mo go lone, e bong Jerusalema.
2O o tlhasele, o o agele dikago tsa tlhabanelo, o o tsosetse dimota; o bo o o tlhomele ditlhaolelo, mme o o emisetse dithubaganyi tse di thubang dithako ka ntlha tsotlhe.
3O tseye sematla sa tshipi; o se dire lorako lwa tshipi gare ga gago le motse; o lebe kwa go one, mme o tlaa tlhaselwa, mme o o tlhasele. Se, e tlaa nna sekao mo go ba ntlo ya Iseraele.
4โGape o robale ka lotlhakore lwa gago lwa molema, mme o beye boikepo jwa ba ntlo ya Iseraele mo go lone; fela ka fa palong ya malatsi a o tlaa robalang mo go lone ka one, o tlaa bo o belega boikepo jwa bone jalo.
5Gonne ke laotse gore dinyaga tsa boikepo jwa bone e nne palo ya malatsi mo go wena, e bong malatsi a le 390; jalo o tlaa belega boikepo jwa ba ntlo ya Iseraele.
6Gape, o tlaa re o sena go wetsa ao, o robale ka lotlhakore lwa gago lwa le legolo, mme o tlaa belega boikepo jwa ba ntlo ya Juta; malatsi a le 40, letsatsi lengwe le lebaganye le ngwaga, ke go laoletse jalo.
7โO lebise sefatlhogo sa gago kwa tlhaselong ya Jerusalema, o apotse letsogo; mme o tlaa perofesa ka ga one o o nyatsa.
8Bona, ke tlaa baya dikgole mo go wena, mme ga o ketla o ipitikololela ka ntlha nngwe le nngwe, go tsamaye o swetse malatsi a tlhaselo ya gago.
9โGape tsaya mabele a masesane, le barele, le dinawa, le ditloo, le mabele le lebelebele, o di tsenye mo sejaneng se le sengwe fela, o itirele senkgwe ka tsone; o tlaa se ja ka fa palong ya malatsi a o robalang ka one ka lotlhakore lwa gago, e bong malatsi a le 390.
10Dijo tsa gago tse o tlaa di jang di tlaa jewa ka selekanyo sa bokete, e bong dikerame di le 230 ka letsatsi; o tlaa di ja ka motlha le motlha.
11O nwe metsi ka selekanyo, ntlha ya borataro ya nkgwana e e lekanyang; o tlaa nwa ka motlha le motlha.
12O di je jaaka dipapetlana tsa barele, mme o di bese mo ponong ya bone ka maswe a a tswang mo mothong.โ
13Jehofa a re: โFela jalo bana ba Iseraele ba tlaa ja dijo tsa bone di le maswe, mo merafeng e ke tlaa ba lelekelang kwa go yone.โ
14Foo ka bua, ka re: โAo, Morena Modimo! bona, mowa wa me ga o ise o ko o leswefadiwe; gonne e sa le go tswa mo bokaung jwa me le gompieno ga ise nke ke je se se suleng fela, kgotsa se se gagotsweng ke dibatana; le gone ga go ise go ko go tsene nama e e makgapha mo ganong la me.โ
15Foo a nthaya a re: โBona, ke go neile dibi tsa kgomo mo boemong jwa maswe a motho, mme o tlaa baakanya dijo tsa gago ka tsone.โ
16Gape a nthaya a re: โMorwa motho, bona, ke tlaa roba seikokotlelo sa dijo mo Jerusalema; mme ba tlaa ja dijo ka selekanyo sa bokete, le ka go ingoka; ba tlaa nwa metsi ka selekanyo le ka kgakgamalo;
17gore ba tle ba tlhoke dijo le metsi, le gore ba gakgamalane, mme ba tlhorege fela mo boikepong jwa bone.