Tswana 1992 Bible - 9 verses
1Iseraele we, boela mo go Jehofa Modimo wa gago; gonne o ole ka boikepo jwa gago.
2Yang le mafoko, lo boele mo go Jehofa; lo mo reye lo re: βTlosa boikepo jotlhe, mme o amogele se se molemo; jalo re tlaa isa tshupelo ya melomo ya rona jaaka e ka bo e le dikgomo.
3AΕ‘ure ga a ketla a re boloka; re tlaa gana go palama dipitse; le gone ga re ketla re tlhola re raya tiro ya diatla tsa rona re re: βLo medimo ya rona;β gonne lesiela le bona kutlwelobotlhoko mo go wena.β
4βKe tlaa fodisa tenego ya bone, ke tlaa ba rata ka go thama ga pelo fela; gonne bogale jwa me bo mo fapogile.
5Ke tlaa nna jaaka monyo mo go Iseraele; o tlaa thunya jaaka thunyo ya lesoma, mme o tlaa nama metswe jaaka Lebanone.
6Dikala tsa gagwe di tlaa nna maphatladika, le bontle jwa gagwe bo tlaa nna jaaka jwa motlhware le lonko lwa gagwe jaaka lwa Lebanone.
7Ba ba agileng fa tlase ga moriti wa gagwe ba tlaa boa; ba tlaa rulwa jaaka mabele, ba thunya jaaka mofine. Lonko lwa gagwe lo tlaa nna jaaka lwa bojalwa jwa mofine jwa Lebanone.
8Eferaime o tlaa re: βKe sa tlhola ke dirang ka ditshwantsho tse di setilweng?β Ke mo arabile, mme ke tlaa mo tlhokomela; ke ntse jaaka setlhare sa mofira o motala; loungo lwa gago lo bonwa mo go nna.β
9Yo o botlhale ke mang, mme o tlaa tlhaloganya dilo tse? Le yo o bonokopela, mme o tlaa di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di siame, mme ba ba tshiamo ba tlaa sepela mo go tsone; batlhodi bone, ba tlaa wa mo go tsone.