Tswana 1992 Bible - 15 verses
1Mafoko a ga Amose, yo o ne a le mo badiseng ba Tekoa, a o ne a a bua ka ga Iseraele, go le mo metlheng ya ga Usia kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jeroboame morwa Joase kgosi ya Iseraele, dinyaga di le pedi pele ga thoromo ya lefatshe.
2A re: âJehofa o tlaa duma a le mo Sione, o tlaa ntsha lentswe a le mo Jerusalema; mme mafulo a badisa a tlaa hutsafala, le tlhora ya Karemele e tlaa swaba.â
3Jehofa o bua jaana, a re: âKa ditlolo di le tharo tsa Damaseko, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba phothile Gileate ka diphotho tsa tshipi.
4Ke tlaa tsenya molelo mo ntlong ya ga Hasaele, mme o tlaa laila matlo a dikgosi a ga Benehatate.
5Ke tlaa roba mophakalego wa Damaseko, ke kgaola monni mo molapong wa Afene, le yo o tshotseng thobane ya bogosi mo ntlong ya ga Etene, mme batho ba Siria ba tlaa ya botshwarong kwa Kire.â Go bua Jehofa.
6Jehofa o bua jaana, a re: âKa ditlolo di le tharo tsa Gasa, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba tlositse batho ba le mmogo e le ditshwarwa, go ya go ba neela Etome.
7Ke tlaa tsenya molelo mo lorakong lwa Gasa, mme o tlaa laila matlo a teng a dikgosi.
8Ke tlaa kgaola monni mo AÅ¡etote, le yo o tshotseng thobane ya bogosi mo AÅ¡ekelone; ke tlaa busetsa seatla sa me kwa go Ekerone, mme masalela a Bafilisitia a tlaa nyelela.â Go bua Morena Modimo.
9Jehofa o bua jaana, a re: âKa ditlolo di le tharo tsa Ture, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba neetse Etome tÅ¡haba yotlhe e le mmogo, mme ba se ka ba gakologelwa kgolagano ya bokaulengwe.
10Ke tlaa tsenya molelo mo lorakong lwa Ture, mme o tlaa laila matlo a teng a dikgosi.â
11Jehofa o bua jaana, a re: âKa ditlolo di le tharo tsa Etome, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka a ne a konatelela morwa rraagwe ka tÅ¡haka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe, mme bogale jwa gagwe jwa nna jwa garola ka metlha yotlhe, mme a tshegetsa tÅ¡hakgalo ya gagwe ka bosakhutleng.
12Ke tlaa tsenya molelo mo Temane, o tlaa laila matlo a dikgosi a Bosera.â
13Jehofa o bua jaana, a re: âKa ditlolo di le tharo tsa bana ba Amone, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba ropositse basadi ba ba baimana ba Gileate, gore ba tle ba katose molelwane wa bone.
14Ke tlaa tshuba molelo mo lorakong lwa Raba, mme o tlaa laila matlo a teng a dikgosi ka lošalaba mo motlheng wa tlhabano, ka ledimo la phefo mo motlheng wa sefefo.
15Mme kgosi ya bone e tlaa ya botshwarong, yone le dikgosana tsa yone mmogo.â Go bua Jehofa.