Tswana 1992 Bible - 11 verses
1Mme ga itumolola Jona thata, a nna bogale thata.
2A rapela Jehofa a re: βKe a go rapela Jehofa, a e ne e se lone lefoko la me, ke sa ntse ke le kwa lefatsheng la gaetsho? Ke gone ka moo ke akofileng ka tshabela kwa TareΕ‘iΕ‘e; gonne ke ne ke itse fa o le Modimo o o pelonomi, o o tletseng bopelotlhomogi, o le bonya go galefa, o tletse boutlwelobotlhoko, o tle o ikwatlhaele bosula.
3Ke gone Jehofa, ke a go rapela, ka re, o tle o mpolaye, gonne mo go nna go molemo go swa bogolo go go tshela.β
4Mme Jehofa a re: βA o dira sentle fa o nna bogale?β
5Foo Jona a tswela kwa ntle ga motse, a dula a potile motse ntlheng ya botlhabatsatsi, mme a itirela motlaagana teng, a dula fa tlase ga one mo moriting, go tla a bona se se tlaa dirafalelang motse.
6Jehofa Modimo a baakanya menamo ya segwana, a e tlhogisetsa go okama Jona, gore e nne moriti tlhogong ya gagwe, go mo fomodisa mo pitlaganong ya gagwe e e bosula. Jalo Jona a itumela thata ka ga menamo ya segwana.
7Mme ya re bosigo boo sa ka moso, Jehofa a baakanya seboko, sa fetlha menamo ya segwana, mme ya swaba.
8Ga dirala ya re letsasi le tlhatloga, Modimo wa baakanya phefo ya botlhabatsatsi e e molelo; letsatsi la thothomela mo tlhogong ya ga Jona, a ba a idibala, mme a itopela gore a swe, a re: βGo molemo mo go nna go swa bogolo go go tshela.β
9Modimo wa raya Jona wa re: βA o dira sentle go nna bogale ka ga menamo ya segwana?β Mme a re: βKe dira sentle go nna bogale go ya fela mo losong.β
10Jehofa a re: βO tlhomogetse menamo ya segwana pelo, o o se kang wa fufula ka ga one, le o o se kang wa o tlhogisa; o o tlhogileng mo bosigong bo le bongwe fela, wa ba wa swa mo bosigong bo le bongwe fela.
11A le nna ga ke a tshwanela go utlwela Ninefe botlhoko, motse o mogolo oo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000, ba ba sa farologanyeng seatla se segolo le sa molema; le bontsi jwa dikgomo?β