Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Yo o phatlakanyang o tsile fa pele ga sefatlhogo sa gago; disa kago ya gago ya phemelo, lebela tsela, o ithatafatse lotheka, o thatafatse nonofo ya gago segolo.
2Gonne Jehofa o bile o busetsa Jakobe tlotlomalo jaaka tlotlomalo ya ga Iseraele; gonne batsholodi ba ba tsholotse, ba sentse dikala tsa bone tsa mafine.
3Thebe ya diganka tsa gagwe e hubiditswe, banna ba ba dinatla ba gagwe ba apere bohibidu jo bo letlhololo; dikara di šadiega ka tshipi ya setale mo motlheng wa ipaakanyo ya gagwe, le marumo a otwa mo go boitshegang.
4Dikara di taboga ka mokgwaso mo mebileng, di thulana mo ditseleng tsa meheru; ponalo ya tsone e ntse jaaka ditime, di taboga jaaka dikgadima.
5O gakologelwa ba gagwe ba ba itsegeng; ba kgokgoetsega mo go tsamaeleng gongwe ga bone; ba itlhaganelela lorako lwa one, mme sesiro sa phemelo se baakantswe.
6Dikgoro tsa noka di budilwe, ntlo ya kgosi e rutlologile.
7Husabe o bipolotswe, wa tlosiwa, malata a gagwe a kuruetsa e kete ka kodu ya matseba, ba ititaya dihuba.
8Ninefe o sa le a nna jaaka lekadiba la metsi bogologolo; le fa go ntse jalo ba a tshaba; ba kua, ba re: “Emang! Emang! Mme go bo go se ope yo o šebang kwa morago.
9Tsayang thopo ya selefera, tsayang thopo ya gouta! Gonne ga go na bokhutlo jwa thopo e e beilweng, le ya kgalalelo ya dilwana tsotlhe tse di eletsegang tsa ntlo.
10O lolea fela, o loforotlho, o kgakgabetse, le pelo ya tlhapologa, le mangole a itaana, le tlalelo e e mahehe e mo dithekeng tsotlhe, le difatlhogo tsa lona di khwatile.
11O kae mongobo wa ditau, le bojelo jwa ditawana, kwa tau e tona le tau e namagadi di ntseng di tsamaya teng, le tawana ya tau, mme go ne go se na ope yo o di boifisang?
12Tau e ne ya gagola mo go lekanyeng bana ba yone, ya betelela ditau tsa ga yone tse dinamagadi, ya olela thopo mo dikgageng tsa yone, le tse di gagotsweng mo mengobong ya yone, ga ba ga tlala.
13“Bona, ke tlhabana nao,” go bua Jehofa wa masomosomo, “ke tlaa fisa dikara tsa gagwe mo mosing, le tšhaka e tlaa ja ditawana tsa gago; ke tlaa kgaola dibolaiwi tsa gago mo lefatsheng, le lentswe la barongwa ba gago ga le ketla le tlhola le utlwala.”