Tswana 1992 Bible - 19 verses
1Morapelo wa ga Habakuke moperofeti, o o rulaganyeditsweng Shigionothe.
2Jehofa, ke utlwile tumedi ya gago, mme ka boifa; Jehofa rudisa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, mo gare ga dinyaga o dire gore e itsiwe; o re o le bogale o gakologelwe boutlwelobotlhoko.
3Modimo o ne wa tswa kwa Temane, le Moitshepi kwa thabeng ya Parane. Sela. Kgalalelo ya gagwe ya apesa magodimo, le lefatshe la tlala pako ya gagwe.
4Le phatsimo ya gagwe e ne e ntse jaaka lesedi; go ne go tswa marang mo seatleng sa gagwe; le go sujwa ga nonofo ya gagwe go ne go le teng.
5Kgogodi ya mo etelela pele, le melelo ya tladi ya tlapana ya tswa fa dinaong tsa gagwe.
6A ema, a lekanya lefatshe; a leba, mme a phatlalatsa merafe; le dithaba tsa bosakhutleng tsa faladiwa, le makhubu a a sa yeng kae a ikoba; ditsamao tsa gagwe di ne di ntse jaaka bogologolo.
7Ka bona megope ya KuΕ‘ane e le mo pitlaganong; dilepelelo tsa lefatshe la Midiane tsa tetesela.
8A Jehofa o ne a itumologela dinoka? A o ne o le bogale le dinoka, kgotsa a o ne o gakaletse lewatle, fa e bo ne ne o ne o palame dipitse tsa gago, o palame dikara tsa gago tsa poloka?
9Bora jwa gago bo ne bo senoletswe ruri, maikanelo a ditso e le lefoko la tlhomamo. Sela. O ne wa tsetsereganya lefatshe ka dinoka.
10Dithaba tsa go bona, mme tsa boifa; morwalela o o makhubukhubu wa feta; boteng jwa ntsha kodu, jwa tsholeletsa mabogo godimo.
11Letsatsi la ema mo bonnong jwa lone, le yone kgwedi; ka lesedi la metswi ya gago ka e hulega, ka phatsimo ya lerumo la gago le le galalelang.
12O ne wa ralala lefatshe ka kgakalo, wa photha merafe, o le bogale.
13Wa tswela poloko ya batho ba gago, poloko ya ba gago ba ba tloditsweng, wa ntsha tlhogo ya ntlo ya baikepi ntho, wa senola motheo go ya fela kwa thamong. Sela.
14O ne wa phunya yo o leng tlhogo ya batlhabani ba gagwe ka marumo a gagwe fela; ba ne ba tsile jaaka setsuatsue go mphalatsa; go duduetsa ga bone go ne go ntse jaaka e kete ga go jela ruri bahumanegi ka bosaitsiweng.
15O ne wa gata lewatle ka dipitse tsa gago, e bong mokoa wa metsi a a thata.
16Ka utlwa, mme mpa ya me ya roroma, dipounama tsa me tsa tlakaselela lentswe; go nyera ga ntsena mo marapong, ka roroma mo felong ga me; ka go lebelela motlha wa tlalelo, mogang o bololelang batho, e bong ene yo o mo tlhaselang a le ditlhophatlhopha.
17Gonne le fa mofeige o se ketla o thunya, le fa go tlaa bo go se na loungo mo mafineng; tiro ya motlhware e ka tla ya tlhaela, le matlhagare a se ka a ntsha dijo; letsomane le ka tla la kgaolwa mo lesakaneng, mme go se ka ga dirana le matlhape mo marakeng.
18Le fa go ntse jalo ke tlaa itumela mo go Jehofa, ke tlaa ipela mo Modimong wa poloko ya me.
19Jehofa, Morena, ke thata ya me, o dira dinao tsa me di nna jaaka maoto a tshephe, o tlaa ntsamaisa mo mafelong a me a a godimo. Go diretswe moopedi yo mogolo mo diletsong tsa me tse di ditlhale.