Tswana 1992 Bible - 20 verses
1A bo go latlhega ene yo o serukhutlhi yo o itshekologileng, e bong motse o o patikang!
2Ga o a ka wa utlwa lentswe; ga o a ka wa amogela thuto; ga o a ka wa ikanya mo go Jehofa; ga o a ka wa atamela Modimo wa one.
3Dikgosana tsa one mo gare ga one ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba one ke matlonkana a lotlatlana; ga a sadisetse moso sepe.
4Baperofeti ba one ke batho ba ba bofafalele ba bonongwana, baperesiti ba one ba tlhapaditse felo ga boitshepo, ba sokile molao.
5Jehofa o tshiamo mo gare ga one; ga a ketla a dira boikepo; o tle a ntshetse katlholo ya gagwe mo leseding ka meso le meso, ga a tlhaele; mme basiamolodi ga ba itse ditlhong.
6“Ke kgaotse merafe, dikago tsa yone tsa tlhabanelo tse di godileng di swafetse; ke kgakgabaditse mebila ya bone, go bo go se na ope yo o fetang; metse ya bone a sentswe, go bo go se na motho, go se na monni.
7Ke rile: O tlaa bo o mpoifa o tlaa amogela thuto; jalo bonno jwa one bo ne bo se ketla bo kgaolwa, ka fa go tsotlhe tse ke di o laoletseng; ba ne ba phakela ba senya ditiro tsotlhe tsa bone.
8“Ke gone, ntetang,” go bua Jehofa, “go tsamaya letsatsi le fitlha le ke tlaa nanogelang thopo ka lone; gonne boikaelelo jwa me ke go phutha merafe, gore ke kokoanye magosi, go tla ke gorometsa tšhakgalo ya me mo go one, e bong bogale jwa me jotlhe jo bo fisang; gonne lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la me.
9“Gonne foo ke tlaa fetolela ditšhaba puo e e itshekileng, gore ba bitse leina la ga Jehofa, go tla ba mo direla ka tumalano e le ngwe fela.
10Barapedi ba me, e bong morwadia bafaladi ba me, ba tlaa lere tshupelo ya me, ba tswa kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia.
11“E tlaa re mo motlheng oo ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong ka ditiro tsotlhe tsa gago, tse o tlodileng fa pele ga me ka tsone; gonne foo ke tlaa tlosa mo gare ga gago babelafadi ba gago ba ba gwantang, mme ga o ketla o tlhola o nna boikgodiso mo thabeng ya me e e boitshepo.
12Ke tlaa tlogela mo gare ga gago batho bangwe ba ba patikegileng, le ba ba humanegileng, mme ba tlaa ikanya leina la ga Jehofa.
13Masalela a Iseraele ga a ketla a dira boikepo, le fa e le go bua maaka, loleme lo lo tsietsang ga lo ketla lo fitlhelwa mo melomong ya bone; gonne ba tlaa ja ba robala, mme ga go na ope yo o tlaa ba boifisang.”
14Opela, wena morwadia Sione; thela lošalaba, wena Iseraele; o ipele o itumele ka pelo yotlhe wena morwadia Jerusalema.
15Jehofa o tlositse ditshekiso tsa gago; o lelekile mmaba wa gago; kgosi ya Iseraele, e bong Jehofa o mo gare ga gago; ga o ketla o tlhola o boifa bosula.
16Mo motlheng oo go tlaa rewa Jerusalema go twe: “O se ka wa boifa, wena Sione, a diatla tsa gago di se repe.
17Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang; o tlaa go itumelela ka boitumelo, o tlaa ritibala mo loratong lwa gagwe, o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”
18“Ke tla phutha ba ba hutsafalelang phuthego e e masisi, ba e neng e le ba gago; ba mokgweleo o o mo go ene e neng e le kgobo mo go bone.
19Bonang, e tlaa re ka motlha oo ke tlaa tsena mo mafokong a botlhe ba ba go patikang; mme ke tlaa phutha ene yo o ne a lelekilwe; ke tlaa ba dira pako le leina, e bong bone ba ditlhong tsa bone di ntseng di le mo lefatsheng lotlhe.
20Mo motlheng oo ke tlaa lo lere mo teng, mo motlheng oo ke tlaa lo phutha; gonne ke tlaa lo dira leina la pako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe, mogang ke lo busang mo botshwarong fa pele ga matlho a lona,” go bua Jehofa.