Tswana 1992 Bible - 11 verses
1Foo ka tsholetsa matlho a me gape, ka leba, mme bonang, lokwalo lo lo mennweng lo fofa.
2Mme a nthaya a re: βO bonang?β Ka mo fetola ka re: βKe bona lokwalo lo lo menaganyeng lo fofa; boleele jwa lone ke dimetara di le 9, le boatlhamo jwa lone ke dimetara di le 4,5.β
3Foo a nthaya a re: βE ke yone phutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tlaa kgaolelwa ruri mo go lone ka fa ntlheng e nngwe, ka fa taolong ya lone; mongwe le mongwe yo o ikanang o tlaa kgaolelwa ruri mo go lone, ka fa ntlheng e nngwe ka fa taolong ya lone.
4Ke tlaa dira gore lo tswelele,β go bua Jehofa wa masomosomo, βmme lo tlaa tsena mo ntlong ya legodu, le mo ntlong ya yo o ikanang ka tsietso, ka leina la me; lo tlaa nna mo gare ga ntlo ya gagwe, lo tlaa e nyeletsa ka dikgong tsa yone le ka maje a yone.β
5Foo moengele yo o buang le nna a tswela kwa ntle, mme a nthaya a re: βA ke o tsholetse matlho, o bone seelo se, se se tswelelang, gore ke eng.β
6Ka re: βKe eng?β Mme a re: βSe ke sone seelo se se tswelelang.β Gape a re: βE ke yone tshwano ya bone mo lefatsheng lotlhe.β
7Mme bonang ga tsholediwa moritshana wa lotwe: Mme yo ke mosadi yo o dutseng mo gare ga seelo.
8A re: βYo ke Boikepo;β mme a mo latlhela mo gare ga seelo; a latlhela moritshana wa lotwe mo molomong wa sone.
9Foo ka tsholetsa matlho, ka leba, mme bonang, ga tswa basadi ba le babedi, mme phefo ya bo e le mo diphukeng tsa bone; jaana ba bo ba na le diphuka tse di etsang tsa mogolori; mme ba tsholetsa seelo fa gare ga lefatshe le legodimo.
10Foo ka raya moengele yo o buang le nna ka re: βAna batho ba, ba isa kae seelo?β
11Mme a nthaya a re: βBa ya go agela mosadi ntlo mo lefatsheng la Ε inare; mme e tlaa re e sena go baakanngwa, o tlaa bewa gone mo felong ga gagwe.β