Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Molaetso wa lefoko la ga Jehofa ka ga lefatshe la ga Haterake. Damaseko e tlaa nna felo ga boikhutso ga one; gonne leitlho la botho, le la ditso tsotlhe tsa Iseraele le lebile Jehofa;
2le Hamathe o o bapileng le one; Ture le Sitone ka a le botlhale thata.
3Ture o ne a ikagela kago e e thata ya tlhabanelo, a kokoanya selefera sa nna jaaka lorole, le gouta e e itshekileng ya nna jaaka seretse sa mebila.
4Bonang, Jehofa o tlaa mo ruolola, o tlaa itaya thata ya gagwe mo lewatleng; mme o tlaa lailwa ke molelo.
5AĆĄekelone o tlaa go bona, a boifa; le ene Gasa, o tlaa nna botlhoko thata; le Ekerone, gonne tebelelo ya gagwe e tlaa tlhajwa ke ditlhong; kgosi e tlaa swa mo Gasa, AĆĄekelone ga a ketla a nnwa.
6Motho yo o tlhakanyeng losika o tlaa aga mo AĆĄetote, mme ke tlaa kgaola pelafalo ya Bafilisitia.
7Ke tlaa tlosa madi a gagwe mo ganong la gagwe, le dilo tse di makgapha tsa gagwe mo gare ga meno a gagwe; le ene o tlaa nna lesalela la Modimo wa rona; o tlaa nna jaaka kgosana mo Juta, le Ekerone jaaka Mojebuse.
8Mme ke tlaa nnela ntlo ya me seduledi mo tikologong, go tlhabana le ntwa, gore go se nne ope yo o fetang le fa e le yo o bowang; ga ba ketla ba ralalwa ke mopatiki ope gope; gonne jaanong ke bonye ka matlho a me.
9Itumele thata, wena morwadia Sione; thela loĆĄalaba wena morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e etla kwa go wena; o tshiamo, o na le poloka, o boikokobetso, o palame esela, e bong eselana ngwana wa esela.
10Ke tlaa kgaola kara ya tlhabano mo Eferaime, le pitse mo Jerusalema, le bora jwa tlhabano bo tlaa kgaolwa; o tlaa bua kagiso le merafe, mme puso ya gagwe, e tlaa tswa lewatleng lengwe e ya lewatleng le lengwe, e tlaa tswa Nokeng e ye go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.
11Ka ga gago le wena, ka ntlha ya madi a kgolagano, ke ntshitse bagolegwi ba gago mo mokoleng o go se nang metsi mo go one.
12Retologelang kwa kagong e e thata ya tlhabanelo lona bagolegwi ba tsholofelo; le gompieno ke a itlhomamisa go re ke tlaa go duela sebedi.
13Gonne ke itaeleditse Juta, ke tladitse bora ka Eferaime; mme ke tlaa tlhotlheletsa bomorwao, wena, Sione, ke tlaa ba tlhotlheletsa bomorwao, wena Gerika, ke tlaa go dira jaaka tĆĄhaka ya seganka.
14Jehofa o tlaa bonwa godimo ga bone, le motswi wa gagwe o tlaa hulega jaaka logadima; Jehofa Modimo o tlaa letsa lonaka, o tlaa tsamaya ka ditsuatsue tsa borwa.
15Jehofa wa masomosomo o tlaa ba femela; mme ba tlaa jela ruri, ba tlaa gataka maje a motsekedi, mme ba tlaa nwa, ba tlaa tsosa modumo jaaka e ka bo e le ka bojalwa; ba tlaa tlala jaaka megopo, jaaka dikgokgotsho tsa sebeso.
16Jehofa Modimo wa bone o tlaa ba boloka mo motlheng oo jaaka letsomane la batho ba gagwe; gonne ba tlaa nna jaaka majana a serwalo sa bogosi se se tsholeditsweng godimo ga tlhogo ya gagwe.
17Gonne molemo wa gagwe o mogolo jang! Bontle jwa gagwe bo bogolo jang! Mabele a tlaa itumedisa makau, le bojalwa jo boĆĄa barweetsana.