Tswana 1992 Bible - 23 verses
1Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re:
2โO fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.โ
3E rile kgosi Herote a utlwa jalo a fuduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae.
4Mme a phutha baperesiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete o tlaa tsalelwa teng.
5Ba mo raya ba re: โMo Bethelehema wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti a re:
6โWena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.โ โ
7Foo Herote a biletsa banna ba ba botlhale bao kwa thoko, a tlhotlhomisa go tlhaloganya mo go bone lobaka lo naledi e bonetseng ka lone.
8Mme a ba roma kwa Bethelehema a re: โYang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go mo obamela.โ
9Bone ya re ba sena go utlwa kgosi ba tsamaya; mme bonang, naledi e ba e bonyeng ba le kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya tsamaya ya fitlha ya ema e okame golo fa ngwanyana o leng teng.
10Ba re ba bona naledi ba itumela ka boitumelo jo bogolo thata.
11Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
12Mme e ne ya re ka ba tlhagisitswe ke Modimo ka toro, gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba tsaya tsela e sele ba ya lefatsheng la ga bone.
13Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: โTloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.โ
14Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe bosigo, a ya Egepeto;
15Mme a nna teng, ga tsamaya Herote a swa; gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moperofeti a re: โKe biditse morwaake a le kwa Egepeto.โ
16Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.
17Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia a re:
18โLentswe la utlwala mo Rama, selelo le khutsafalo e kgolo, e le Ragele a lelela bana ba gagwe; mme a gana go gomodiwa, ka gobo ba seyo.โ
19E rile Herote a sena go swa, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro, kwa Egepeto, a re:
20โTloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba kileng ba batla go mmolaya ba sule.โ
21Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe, a tla mo lefatsheng la Iseraele.
22E rile a utlwa fa Arekelao a busa mo Jutea, mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re ka a tlhagisitswe ke Modimo ka toro, a ngongwaelela kwa dintlheng tsa Galilea.
23A fitlha a aga mo motseng o go tweng Nasaretha; gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke baperofeti, fa a tlaa bidiwa Monasara.