Tswana 1992 Bible - 48 verses
1Jesu e rile ka a bone matshutitshuti a batho, a tlhatlogela mo thabeng; ya re a sena go dula fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene,
2mme a tswa molomo, a ba ruta a re:
3“Go sego ba ba humanegileng mo moweng; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.
4Go sego ba ba lelang; gonne ba tlaa gomodiwa.
5Go sego ba ba pelonomi; gonne ba tlaa rua lefatshe.
6Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tlaa kgorisiwa.
7Go sego ba ba kutlwelobotlhoko; gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
8Go sego ba ba pelo di itshekileng; gonne ba tlaa bona Modimo.
9Go sego ba ba letlanyang; gonne ba tlaa bidiwa bomorwa Modimo.
10Go sego ba ba bogiseditsweng tshiamo; gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone.
11“Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me.
12Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.
13“Ke lona letswai la lefatshe; mme fa letswai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le gope, fa e se go latlhelwa kwa ntle, le go gatakwa ke batho fela.
14“Ke lona lesedi la lefatshe. Motse o o beilweng mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega.
15Le gone batho ga ba ke ba tshuba lobone go tla ba lo huhumetsa tlase ga seelo, mme ba lo tlhoma mo setlhomong fela; lo phatsimele botlhe ba ba mo ntlong.
16Fela jalo, a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.
17“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela.
18Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele.
19Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo.
20Gonne ke lo raye ke re, fa tshiamo ya lona e sa gaise tshiamo ya bakwadi le ya Bafarisai, ga lo ketla lo tsena gope mo bogosing jwa legodimo.
21“Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’
22mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.
23Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao,
24tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.
25“O akofe o dumalane le moganetsi wa gago o sa ntse o na nae mo tseleng; e se re kgotsa moganetsi a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme wa latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo.
26Ammaaruri ke go raya ke re: Ga o ketla o tswa teng gope o ise o lefe ledinyana la bofelo pele.
27“Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’
28Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.
29Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.
30Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.
31“Le gone go ne go tulwe: ‘Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a mo neye lokwalo lwa go mo tlhala.’
32Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.
33“Gape lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa ikana ka go aka, mme o tlhomamisetse Morena go ikana ga gago;’
34mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le setulo sa Modimo sa bogosi;
35le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa one sa dinao; le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa Kgosi e kgolo.
36Le gone o se ka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka o sa ka ke wa dira thiri e le nngwe fela go nna tshweu kgotsa ntsho.
37Go bua ga lona fa e le ‘Ee’, e nne ‘Ee’; fa e le ‘Nnyaa’, e nne ‘Nnyaa’; gonne se se fetang mo, se tswa mo bosuleng.
38“Lo utlwile fa go tulwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho, le leino ke leino.’
39Nna ke lo raya ke re: Se ganeleng le motho yo o bosula; mme yo o go fapholang ka fa lesameng le legolo, mo neele le le lengwe.
40Fa motho mongwe a rata a ka bo a go isa tshekong, mme a go tseela morepo, o mme a tseye kobo ya gago le yone.
41Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi.
42Naya ene yo o go lopang, le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo fularela fela.
43“Lo utlwile fa go tulwe: Rata wa gaeno, mme o ile mmaba wa gago;
44mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang;
45gore lo nne bana ba Rraeno yo o kwa legodimong; gonne ene o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula.
46Fa e le fano lo rata ba ba lo ratang, e bo e le gore lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo?
47Le gone fa lo dumedisa bagalona ba le bosi, e bo e le gore lo dirang bogolo go ba bangwe? Baditšhaba le bone a ga ba dire jalo?
48Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.