Tswana 1992 Bible - 38 verses
1E ne ya re mo metlheng eo, go bile go le bontsi jo bogolo jwa batho, mme ba se na se ba se jang, a ipiletsa barutwa ba gagwe, a ba raya a re:
2βKe tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, gonne go fetile malatsi a le mararo ba ntse ba tlhotse le nna, mme ba se na se ba se jang?
3E tlaa re fa ke ba tsamaisetsa kwa magaeng a bone ka tlala, ba tlaa dimelela mo tseleng, ka ba bangwe ba bile ba tswa kgakala.β
4Barutwa ba gagwe ba mo fetola ba re: βAna dinkgwe tse di ka lekanang go kgorisa batho ba di tlaa bo di tswa kae fano, mo gare ga naga fela?β
5A ba botsa a re: βLo na le dinkgwe di le kae?β Ba re: βDi supa.β
6A laola batho ba bantsi go dula fa fatshe, mme a tsaya dinkgwe tse supa, mme ya re a sena go leboga a di ngathoganya, a di neela barutwa gore ba di beye fa pele ga batho; mme ba di baya fa pele ga batho ba bantsi.
7Ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, ya re a sena go di segofatsa, a laola gore le tsone di bewe fa pele ga bone.
8Ba ja, ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ba tlatsa diroto di supa.
9Ba bo ba ka ne ba le 4 000; mme a ba tsamaisa.
10Mme a akofa a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, a tla mo dintlheng tsa Dalemanutha.
11Mme Bafarisai ba tswa, ba simolola go tatalalana nae, ba batla sesupo mo go ene se se tswang legodimong, ba mo lalela.
12Mme a fegelwa thata mo moweng a re: βAna losika lo, lo batlelang sesupo? Ammaaruri ke a lo raya, losika lo ga lo ketla lo newa sesupo sepe.β
13Mme a ba tlogela, a tsena mo mokorong, a boela kwa moseja.
14Ba lebala go tshola mofago, le mo mokorong ba bo ba se na sepe fa e se senkgwe se le sengwe fela.
15Mme a ba laya a re: βLo tlhokomele, lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, le mo sebedisong sa ga Herote.β
16Ba tseisanya kgang ba re: βKe ka go bo re se na senkgwe.β
17Jesu ka a go lemoga a re: βLo tseisanyetsang kgang ka go bo lo se na senkgwe? A ga lo ise lo lemoge, le fa e le go tlhaloganya? A dipelo tsa lona di kgwaraletse fela?
18Lo re lo na le matlho, a ga lo bone? Lo re lo na le ditsebe, a ga lo utlwe? A ga lo gakologelwe?
19E rile ke ngathoganyetsa ba ba 5 000 dinkgwe tse tlhano, lo ne lwa tlatsa diroto di le kae ka dikabetla tse lo di setseng?β Ba mo raya ba re: βDi le 12.β
20βYa re mo dinkgweng tse di supang tsa ba ba 4 000, lo ne lwa tlatsa diroto di le kae ka dikabetla tse lo di setseng?β Ba mo raya ba re: βDi supa.β
21A ba raya a re: βA lo sa ntse lo ise lo tlhaloganye?β
22Ba tla ba fitlha mo Bethesaita. Mme ba tlisa kwa go ene monna wa sefofu, ba mo rapela thata gore a mo ame.
23Mme a tshwara monna wa sefofu ka seatla, a mo gogela kwa ntle ga motsana; ya re a sena go mo kgwela mathe mo matlhong le go mmaya diatla, a mmotsa a re: βA o bona sengwe?β
24A lelala a re: βKe bona batho; ke ba bona e kete ditlhare, ba a tsamaya.β
25Foo a mmaya diatla gape mo matlhong, mme a leba ka tlhomamo, a fodisiwa, a bona dilo tsotlhe sentle fela.
26Mme a mo tsamaisetsa kwa ga gagwe kwa gae a re: βO se ka wa tsena le fa e le mo motsaneng o.β
27Mme Jesu a tswela kwa metsaneng ya Kaesarea Filipi, a na le barutwa ba gagwe. Ya re mo tseleng a botsa barutwa ba gagwe a re: βAna batho ba tle ba re nna ke mang?β
28Ba mo raya ba re: βJohane Mokolobetsi; bangwe ba re: Elija; mme ba bangwe ba re: mongwe wa baperofeti.β
29A ba botsa a re: βMme lona lwa re ke mang?β Petere a mo fetola a re: βO ene Keresete.β
30Mme a ba laya go re ba se bolelele ope ka ga gagwe.
31A simolola go ba ruta fa Morwa Motho a na le go bogisiwa dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane, le ke ditlhogo tsa baperesiti, le ke bakwadi, le gone fa a tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo a tlaa ba a tsoga.
32Lefoko le a le buela kwa ntle fela. Mme Petere a mo tsaya, a simolola go mo omanya.
33Mme ene a retologa, ya re a bona barutwa ba gagwe, a omanya Petere a re: βTloga fa pele ga me, Satane, gonne ga o tlhokomele dilo tse e leng tsa Modimo, fa e se tsa batho fela.β
34A ipiletsa bontsi jwa batho, ba na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: βFa motho mongwe le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, a tseye mokgoro wa gagwe, a itse go ntshala morago,
35gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, o tlaa bo boloka.
36Gonne go ka thusa motho eng, fa a fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe?
37Motho o ka ntsha eng, a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?
38Gonne le fa e le mang yo o tlaa ntlhabelwang ke ditlhong, le mafoko a me a a tlhabelwa ke ditlhong, mo losikeng lo lwa boaka le boleo, Morwa Motho le ene o tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong, mogang o tlang ka kgalalelo ya ga rraagwe, a na le baengele ba ba boitshepo.β