Tswana 1992 Bible - 14 verses
1A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong; mme babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo.
2Ke gone, yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo; mme ba ba ganang ba tlaa iponela tshekiso.
3Gonne balaodi ga ba na go boifiwa ke yo o mo tirong e e molemo, fa e se ke yo o mo go e e bosula fela. Mme a o rata wa bo o se na poifo ya mmuso? Dira se se molemo, mme o tlaa bakwa ka ga sone;
4gonne mmuso ke modiredi wa Modimo mo go wena, gore o tle o bone molemo. Mme fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a tsholela tΕ‘haka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale.
5Ke gone lo nang le go ineela, e seng ka ntlha ya bogale bo le josi, mme e le ka ntlha ya segakolodi le sone.
6Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se.
7Nayang botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba; le poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa le tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa.
8Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao.
9Gonne le le reng: βO se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,β le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: βRata wa gaeno jaaka o ithata.β
10Lorato ga lo direle oo rra motho bosula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya molao.
11Ke bua jaana ka lo itse motlha, fa jaana e setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela.
12Bosigo bo setse bo fetile, mme bosa bo atametse; ke gone, a re latlheng ditiro tsa lefifi, mme re apareng moitshomelo wa phemelo wa lesedi.
13A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng.
14Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.