Tswana 1992 Bible - 33 verses
1Jaana rona ba re leng thata, re tshwanetse go pepetletsa dithetelelo tsa ba ba bokoa, e seng go ikgatlha fela.
2A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe mongwe ka ene ka ga se se molemo, go mo agelela.
3Gonne Keresete le ene ga a ka a ikgatlha; mme jaaka go kwadilwe ga twe: âDikgobo tsa ba ba go kgobileng tsa wela mo go nna.â
4Gonne dilo tsotlhe tse di kwadilweng gale, di kwadilwe gore di re rute, gore re bone tsholofelo ka pelotelele le ka kgomotso ya dikwalo.
5Jaana a Modimo wa pelotelele, le wa kgomotso, o lo neye gore go nne pelo e le nngwe fela mo go lona ka fa sekaong sa ga Keresete Jesu;
6gore lo galaletse Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwe fela jwa pelo, le ka molomo o le mongwe fela.
7Ke gone tsholanang, fela jaaka Keresete le ene a lo tshotse, go tla lo nna kgalaletso ya Modimo.
8Gonne ka re, Keresete o ntshitswe modiredi wa ba bogwera go supa boammaaruri jwa Modimo, gore a tle a tlhomamise dipolelo tsa tsholofetso tse di neilweng borara.
9Le gore BaditÅ¡haba ba galaleletse Modimo kutlwelobotlhoko ya one; jaaka go kwadilwe ga twe: âKe gone ke tlaa go bakang mo go BaditÅ¡haba, mme ka tlaa opelela leina la gago.â
10O bile a re gape: âLona BaditÅ¡haba, itumeleng le batho ba gagwe.â
11Gape: âBakang Morena, lona lotlhe BaditÅ¡haba; mme a batho botlhe ba mmake.â
12Gape Isaia a re: âGo tlaa nna motswe wa ga Jese, le yo o tlaa tsogang a tla go busa BaditÅ¡haba; BaditÅ¡haba ba tlaa solofela mo go ene.â
13Jaana a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo le kagiso mo go dumeleng, gore lo totafalele mo tsholofelong, ka thata ya Mowa o o Boitshepo.
14Le nna ke itsetse ruri ka ga lona bagaetsho, fa le lona ka losi lo tletse molemo, lo tladitswe kitso yotlhe, lo bile lo nonofile go kaelana.
15Ka ntlha e nngwe, ke lo kwalela ka botlhokapoifo bogolo, ka gobo ke bile ke lo gopodisa, ka ntlha ya tshegofatso e ke e neilweng ke Modimo,
16ya gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo go Baditšhaba, ke ba direla mo Mafokong a a Molemo a Modimo, gore Baditšhaba ba tle ba dirwe tshupelo e e lebosegang, ka go itshepisiwa ke Mowa o o Boitshepo.
17Ke gone ke na le go ipelafatsa ga me mo go Keresete Jesu, ka ga dilo tse e leng tsa Modimo.
18Gonne ga nketla ke leka go bua, fa e se ka ga dilo tse Keresete o di dirileng ka nna, gore ke tle ke gogele Baditšhaba mo go utlweng, ka puo le ka tiro,
19ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso, ka thata ya Mowa o o Boitshepo; ka re, ke simolotse kwa Jerusalema, ka potologa ka ba ka ya go fitlha le kwa Iluriko, ke eta ke rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete ka botlalo.
20Ee, tlhoafalo ya me e ne e le gore ke rere Mafoko a a Molemo jalo, e seng kwa Keresete o setseng a rerilwe teng gale, gore ke se ka ka aga mo motheong wa motho yo mongwe.
21E ne e le jaaka go kwadilwe ga twe: âGo tlaa bona bone ba polelo e e mmolelang e se kang ya fitlha kwa go bone, le ba ba iseng ba utlwe ba tlaa tlhaloganya.â
22Metlha e le mentsi ke ntse ka re ke a lo etela, mme ke kgorelediwe ke gone moo.
23Jaanong, ka ke sa tlhole ke na le gope mo mafatsheng ano, ke bile ke ntse ke tlhologeletswe ka dinyaga di le dintsi go ya koo go lona,
24fa ke ne ke ka fetela kwa Sepaine, gonne ke solofetse go lo bona mo loetong lwa me, le go felegediwa ke lona, fa ke bona ke itumedisitswe go le gonnye ke go kopana le lona;
25ka re, gompieno ke ya kwa Jerusalema, ke ya go direla baitshepi.
26Gonne go kgatlhile ba Maketonia le ba Akaia go atswa bahumanegi ba ba mo baitsheping ba ba kwa Jerusalema.
27Ee, ga ba a kgatlha, le gale ba molato kwa go bone. Gonne fa Baditšhaba ba dirilwe baabedwi ba dilo tsa bone tsa semowa, le bone ba tshwanetse go ba direla ka dilo tsa bone tsa senama.
28Ka re, ke tlaa re ke sena go wetsa tiro e, le go ba kanelela loungo lo, ke tle ka lona ke ya Sepaine.
29Ke a itse fa e tlaa re ke tla mo go lona, ke tlaa bo ke tla ka botlalo jwa tshegofatso ya ga Keresete.
30Jaana bagaetsho, ke a lo rapela ka Morena wa rona Jesu Keresete, le ka lorato lwa Mowa, gore lo tlhoafale mmogo le nna, lo nthapelele mo Modimong;
31gore ke gololwe mo go ba ba sa utlweng mo Jutea, le gore tirelo e ke nang le go direla Jerusalema ka yone e lebosege mo baitsheping;
32gore ke tle ke ye koo go lona ka boitumelo, ka go rata ga Modimo, mme ke bone go ikhutsa mmogo le lona.
33Jaana a Modimo wa kagiso o nne le lona lotlhe. Amen.