Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele, mme fa ke se na lorato, ke be ke etsa kgotlho e e gogomang, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opanngwang fela.
2Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela.
3Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe.
4Lorato lo itshoka ka pelotelele, lo pelonomi; lorato ga lo pelotshetlha; lorato ga lo ke lo ikgantsha, ga lo mabela.
5Ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang, ga lo ke lo ipatlela fela, ga lo ke lo gakatsega, ga lo ke lo akanya bosula;
6ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri;
7lo itshokela dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo iphapaanya le dilo tsotlhe.
8Lorato ga lo ke lo tlhaela gope. Le fa go na le diperofeso, di tlaa khutlisiwa; le fa go le dipuo, di tlaa fela; le fa go le kitso, e tlaa khutlisiwa.
9Gonne re itse ka bontlhanngwe, re perofesa ka bontlhanngwe;
10mme e tlaa re se se itekanetseng se tsile, se se emeng ka bontlhanngwe se tlaa khutlisiwa.
11E rile ke le ngwanyana, ka bua jaaka ngwanyana, ka ikutlwa jaaka ngwanyana, ka akanya jaaka ngwanyana; mme jaanong ka ke le monna, ke latlhile dilo tsa bonyana.
12Gonne gompieno re bona mo seiponeng go le lefitshwana, mme e tlaa re mo lobakeng loo re tlaa bona go lebanye difatlhogo; gompieno ke itse ka bontlhanngwe; mme e tlaa re mo lobakeng loo, ke tlaa itse fela jaaka le nna ke itsilwe.
13Jaana go sala tumelo, le tsholofelo, le lorato, boraro jo; mme se segolo mo borarong jo ke lorato.