Tswana 1992 Bible - 14 verses
1Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe,
2o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene;
3yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
4O diregile mogolo go feta baengele, fela jaaka a ruile leina le le gaisang la bone.
5Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “O Morwaake, ke go tsetse gompieno”? Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe, Mme ene o tlaa nna Morwaake”?
6Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
7Ka ga baengele o buile wa re: “O dira baengele ba one diphefo, le badiredi ba one kgabo ya molelo.”
8Mme ka ga Morwa one o buile, wa re: “Setulo sa gago sa bogosi, Modimo, se ntse ka bosakhutleng le ka bosaengkae; tsamma ya thokgamo ke yone tsamma ya bogosi jwa gago.
9O ratile tshiamo mme wa ila boikepo; ke gone Modimo, Modimo wa gago, o go tloditseng ka lookwane lwa boitumelo godimo ga bankana ba gago.”
10Gape: “Wena Morena, e rile mo tshimologong wa thaya motheo wa lefatshe, mme magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago;
11tsone di tlaa nyelela, mme wena o nnetse ruri; tsone tsotlhe di tlaa onala jaaka seaparo;
12mme o tlaa di mena jaaka morepo, jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa; mme wena o bo o ntse jaaka o ntse fela, dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.”
13O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re: “Dula ka fa letsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”?
14Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?