Tswana 1992 Bible - 23 verses
1Jehofa a raya Samuele a re: βO tlaa lelela Saule ka lobaka lo lo kae, ka ke mo ntshitse mo bogosing ja Iseraele? Thela lookwane mo lonakeng lwa gago lo tlale, o tsamaye; ke tlaa go roma kwa go Jese wa Mobethelehema, gonne ke itebalebetse kgosi mo go bomorwawe.β
2Samuele a re: βAna ke tlaa tsamaya jang? Fa Saule a go utlwela, o tlaa mpolaya.β Jehofa a re: βO itseele kgomo ya moroba, o re: βKe tsile go isetsa Jehofa tlhabelo.β
3βO biletse Jese tlhabelong, ke tlaa go kaela se o tlaa se dirang; o tlaa ntlotsetsa ene yo ke tlaa go bolelelang leina la gagwe.β
4Samuele a dira se Jehofa o se buileng, a fitlha mo Bethelehema. Bagolwane ba motse ba tla go mo kgatlhantsha ba roroma, ba re: βA o tla ka kagiso?β
5Mme a re: βKa kagiso, ke tsile go isetsa Jehofa tlhabelo; iitshepiseng, lo tle le nna tlhabelong.β A itshepisa Jese le bomorwawe, a ba biletsa tlhabelong.
6Ga dirala e rile ba tsile, a leba Eliabe, a re: βA bo motlodiwa wa ga Jehofa a ba a le fa pele ga gagwe.β
7Mme Jehofa a raya Samuele a re: βO se ka wa leba sefatlhogo sa gagwe, le fa e le go gola ga gagwe; gonne ke mo ganna, ka gobo Jehofa ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.β
8Foo Jese a bitsa Abinatabe a mo fetisa fa pele ga Samuele, mme a re: βLe yo Jehofa ga a a mo itshenkela.β
9Foo Jese a fetisa Shama. Mme a re: βLe yo Jehofa ga a a mo itshenkela.β
10Jese a fetisa bomorwawe ba supa fa pele ga Samuele. Mme Samuele a raya Jese a re: βJehofa ga a a itshenkela ba.β
11Samuele a raya Jese a re: βA bana ba gago ba fano botlhe?β Mme a re: βGo setse yo mmotlana, mme bona, ene o disitse dinku.β Samuele a raya Jese a re: βRoma mongwe a ye go mmitsa, gonne ga re ketla re dula a ise a tle kwano pele.β
12Mme a roma gore a leriwe. Jaana o ne a le mohibidu, a le montle mo sefatlhogong, a le popego e ntle go lejwa. Jehofa a re: βNanoga o mo tlotse, gonne ke ene yo.β
13Foo Samuele a tsaya lonaka lwa lookwane, a mo tlotsa mo gare ga bana ba ga rraagwe; mme mowa wa ga Jehofa wa tla mo go Dafite ka thata, go simolola ka tsatsi leo, le go ya kwa pele. Jalo Samuele a nanoga, a ya kwa Rama.
14Jaana mowa wa ga Jehofa wa bo o tlogile mo go Saule, mme mowa mongwe o o bosula o o tswang kwa go Jehofa wa bo o mo tshwenya.
15Batlhanka ba ga Saule ba mo raya ba re: βBona mowa mongwe o o bosula o o tswang Modimong o a go tshwenya.
16A morena wa rona a laole batlhanka ba gago, ba ba fa pele ga gago, gore ba batle motho mongwe yo o setswerere go letsa harepa; mme go tlaa dirala, go re, fa mowa o o bosula o o tswang Modimong o le mo go wena, o tlaa letsa ka letsogo la gagwe, mme wena o fole.β
17Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: βLo ntebalebele motho mongwe yo o itseng go letsa sentle, lo mo lere kwano go nna.β
18Foo ga fetola lekau lengwe la re: βBona, ke bonye mongwe morwa Jese wa Mobethelehema, yo o setswerere mo go letseng, a bile a le senatla se se pelokgale, motho wa ntwa, le yo o matsetseleko mo puong, e le motho yo montle, mme Jehofa o na nae.β
19Ke gone ka moo Saule a roma batho kwa go Jese, a re: βA ko o rome Dafite morwao kwa go nna, ene yo o nnang kwa dinkung.β
20Jese a tsaya esela e belesitswe senkgwe, le mofalo wa bojalwa jwa mofine, le potsane, a di isa kwa go Saule ka Dafite morwawe.
21Dafite a tla kwa go Saule, a ema fa pele ga gagwe; mme a mo rata thata; a nna motsholela dibolao wa gagwe.
22Saule a roma kwa go Jese, a re: βKe a go rapela, o mme Dafite a eme fa pele ga me, gonne o bonye botsalano mo matlhong a me.β
23Ga dirala e ne e re mowa o o bosula o o tswang Modimong o le mo go Saule, Dafite a tseye harepa ya gagwe, mme a letse ka letsogo; jalo Saule a tsidifalelwe, a fole mme mowa o o bosula o tloge mo go ene.