Tswana 1992 Bible - 16 verses
1βMowa wa me o fedile, malatsi a me a timile, phupu e ntebeletse.
2Ruri ke a bo ke na le basotli, mme leitlho la me le ntse fela le lebile kgakatso ya bone.
3βA ko o ntshe peelo jaana, a ke emelwe ke wena fa pele ga gago ka wesi; go na le mang yo o tlaa opanyang le nna diatla?
4Gonne o subetse pelo ya bone tlhaloganyo; ke gone ka moo o se ketlang o ba goletsa.
5Yo o okang ditsala tsa gagwe gore di tle di thopiwe, le e leng matlho a bana ba gagwe a tlaa kalega.
6βO bile o ntirile setlhaba seane mo bathong; ke fetogile ka nna motho wa sekgwelwa mathe fela.
7Le leitlho la me le fifaditswe ke bohutsana, ditokololo tsa me tsotlhe di ntse jaaka moriti fela.
8Bathokgami ba tlaa gakgamalela se, le ba ba se nang molato ba tlaa itlhotlheleletsa yo o sa reng Modimo sepe.
9Le fa go ntse jalo motho yo o tshiamo o tlaa tshegetsa tsela ya gagwe, le yo o diatla tse dintle o tlaa nna a thatafala bogolo bogolo.
10Mme boang lotlhe, lo tle jaana, mme ga nketla ke fitlhela motho yo o botlhale mo go lona.
11Malatsi a me a fetile, maikaelelo a me a robilwe, e bong megopolo ya pelo ya me.
12Ba fetola bosigo motshegare, ba re: βLesedi le gaufi le lefifi.β
13Fa ke solofetse go re Bobipo e tlaa nna ntlo ya me; fa ke adile sesekamelo sa me mo lefifing;
14fa ke reile sebodu ka re: βKe wena rre.β Le seboko ka re: βKe wena mme le kgaitsadiake;β
15foo tsholofelo ya me e bo e le kae? Ka ga tsholofelo ya me e mang yo o tlaa e bonang?
16E tlaa fologela kwa mephakalegong ya Bobipo mogang go sena go bonwa boikhutso mo loroleng.β