Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Foo Jobe a fetola a re:
2“Ke utlwile dilo di le dintsi tse di ntseng jalo; lo bagomotsi ba lo lapisang lotlhe fela.
3A mafoko a boithamako a ka dirana le bokhutlo? Kgotsa ke eng se se go gakatsang fa e bo ne ne o fetola jaana?
4Le nna ke ne ke ka bua jaaka lona; fa mowa wa lona o ka bo o le mo boemong jwa mowa wa me, ke ne ke ka lo gololela mafoko a a lo nyatsang, ke lo thukhuthela tlhogo.
5Mme nna, ke ne ke tlaa lo nonotsha ka molomo wa me, le kgomotso ya dipounama tsa me e ne e tlaa kokobetsa bohutsana jwa lona.
6Le fa ke bua, bohutsana jwa me ga bo a kokobela; le fa ke ithiba ke a bo ke imologile eng?
7Mme jaanong o ntapisitse, o swafaditse lesomo la me lotlhe fela.
8O nkudupantse, e le tshupo e e nnyatsang; borole jwa me bo a ntsogologela, bo ntsha tshupo fa pele ga sefatlhogo sa me.
9O nkgagotse mo bogaleng jwa one, o mpogisitse; o ntšhenetse meno; moganetsi wa me o šadikanya matlho a gagwe ka nna.
10Ba nkatlhamoloseditse melomo; ba ntiteile lesama ka kgobo, ba nkgobokanetse go tlhabana le nna.
11Modimo o ntsenya mo seatleng sa ba ba sa reng Modimo sepe, o ntatlhela mo diatleng tsa baikepi.
12Ke ne ke le mo boiketlong, mme wa nthobaganya ka bogare, ee, o ntshwere ka thamo a nthubaganya; o bile o ntlhomile, gore ke nne sekonopiwa sa one.
13Bahudi ba one ba ntikanyeditse, o fatola diphilo tsa me, a sa rekegele; o tshololela santlhokwe wa me fa fatshe.
14O mphatlakanya ka go nthubaka, o ntshotlhomelela jaaka seganka.
15Ke rokeletse letlalo la me letsela la kgetse, ke beile lonaka lwa me mo loroleng.
16Sefatlhogo sa me se kganatheditswe ke go lela, moriti wa loso o mo dintshing tsa matlho a me;
17le fa go se na thubakanyo mo diatleng tsa me, le morapelo wa me o le boitsheko.
18“Lefatshe wee, o se ka wa bipa madi a me, a kgajajego ya me e se bone felo ga boikhutso.
19Le jaana, bona, mosupi wa me o kwa legodimong, le yo o nkemelang o kwa godimong.
20Ditsala tsa me di a ntshotla, leitlho la me le thelela Modimo dikeledi;
21gore o tle o emele tshiamo ya motho mo Modimong, le ya morwa motho mo go wa ga gabo!
22Gonne e tlaa re dinyaganyana di sena go feta, ke be ke ya tseleng e ke se ketlang ke bowa mo go yone.